Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:23 - Setswana 1970

23 Ya re yoo a utlwa jalo, a hutsafala segolo, ka a ne a humile thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

23 Mme e rile fa monna a utlwa se, a tsamaya ka kutlo botlhoko, ka a ne a humile thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

23 Mi ka a utlua yalo, a hutsahala bogolu; gone a la a humile segolu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

23 Ya re a utlwa jalo, a hutsafala thata; ka a ne a humile thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:23
15 Iomraidhean Croise  

Jaanong ba phuthegela kwa go wena jaaka morafe, ba nna fatshe fa pele ga gago jaaka morafe wa me, ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a ke ba a dirafatsa; gonne ba bua maikano a lorato ka melomo ya bone, mme dipelo tsa bone di latetse kgwebo ya bone ya tshiamololo.


Ya re lekau le utlwa lefoko le, la tsamaya le hutsafetse; gonne le ne le na le dithuo tse dintsi.


Yoo a swaba ka ntlha ya lefoko leo, a tloga a hutsafetse; gonne o ne a na le dithuo tse dintsi.


A boa a ba raya a re: “Elang tlhoko, lo itise mo megagarung yotlhe; gonne le fa mongwe a na le letlotlo, ga a bone bophelo ka tse a nang natso.”


Ya re Jesu a utlwa, a mo raya a re: “O sa ntse o tlhoka selo se le sengwe fela: Rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa magodimong, o be o tle, o ntshale morago.”


Mme ya re Jesu a mmona a hutsafetse segolo, a bua a re: “Go thata jang mo go ba ba nang le mahumo go tsena mo pusong ya Modimo!


Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”


“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;


Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona.


Gonne moo lo go itse sentle gore ga go ope yo e leng seaka gongwe yo o maswe gongwe yo o megagaru yo o ka nnang le boswa mo pusong ya ga Keresete le Modimo, ka e le modiredi wa medimo e sele.


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Jaanong he bolayang ditokololo tsa lona tsa lefatshe, e bong boaka le maswe le go fisiwa ke keletso le kgatlhego e e bosula le megagaru e e leng go direla medimo e sele,


Lo se ka lwa rata lefatshe, le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa mongwe a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan