Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 18:11 - Setswana 1970

11 “Mofarisai a ema, a ithapelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka ke sa tshwane le batho ba bangwe, e bong dinokwane le basiamolodi le bagokafadi, gongwe jaaka mokgethisi yo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mofarisai a ema a rapela yalo ka esi, Morimo, kia gu itumelela, gone ki sa cuane yaka bathu ba bañue; linokuane, basiamolori, bagokahari, khotsa yaka mophuthi eo oa lekhetho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 “Mofarisai a ema a ithapelelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka gobo ke sa nna jaaka batho ba bangwe, ba le baikgagapeledi, le basiamolodi le ba boaka, kgotsa jaaka mokgethisi yo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 18:11
26 Iomraidhean Croise  

Sefela sa go ya Tempeleng. Tlayang lo bake Morena, lona batlhanka botlhe ba Morena, ba lo emeng bosigo mo Ntlong ya Morena.


Lona ba lo emeng mo Ntlong ya Morena, mo malapeng a Ntlo ya Modimo wa rona,


Batho ba bantsi ga twe ba lorato, mme ke mang yo o bonang monna yo o ikanyegang?


ke ba ba ithayang ba re, ba phepa, mme ba ise ba tlhapisiwe maswe a bone.


“Le fa lo tsholetsa mabogo, ke tla lo bipela matlho; le fa lo ka ntsifatsa dithapelo, ga nkitla ke lo utlwa; gonne diatla tsa lona di tletse madi.


Ba mpatla ka malatsi otlhe, ba eletsa go itse ditsela tsa me. Ba batla dikatlholo tse di siameng mo go nna, ba eletsa go atamela Modimo, jaaka e kete ke setšhaba se se dirileng ka tshiamo, se se sa tlogelang molao wa Modimo.


ba ba reng: ‘Ema koo, se nkatamele, gonne ò ka fetelwa ke boitshepo jwa me.’ Bao ke musi mo dinkong tsa me; ke molelo o o tukang, ka letsatsi lotlhe.


“Medimo ya gago e kae e o e itiretseng? A e tsoge, fa e itse go go thusa mo sebakeng sa tlalelo ya gago. Gonne palo ya metse ya gago e lekana le palo ya medimo ya gago, Juta!


wena o a re: ‘Ga ke na molato; kana bogale jwa gagwe bo boile mo go nna.’ ” Mme Modimo o a re: “Bona, ke tla go sekisa ka ntlha ya puo ya gago e e reng: ‘Ga ke a leofa.’


Jaanong ba phuthegela kwa go wena jaaka morafe, ba nna fatshe fa pele ga gago jaaka morafe wa me, ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a ke ba a dirafatsa; gonne ba bua maikano a lorato ka melomo ya bone, mme dipelo tsa bone di latetse kgwebo ya bone ya tshiamololo.


Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.”


le Filipo le Baretolomeo; le Thomase le Matheo, mokgethisi; le Jakobo wa ga Alefeo le Lebeo yo o bidiwang Thateo;


Gonne ke lo raya ke re: Fa tshiamo ya lona e sa gaise ya Baitsedikwalo le ya Bafarisai, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope.


“Gape fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi; gonne ba rata go rapela ba eme mo disenagogeng le fa makopanelong a mebila gore ba ipontshe batho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.


E ne e re fa lo rapela lo eme, lo itshwarela yo lo gopolang molato wa gagwe, gore Rraeno yo o kwa magodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona.


ba metsa matlo a batlholagadi, mme ba itimokanya ka go rapela go le goleele. Bone ba tla bona petso e kgolo bogolo mo katlholong.”


A ba a katogana nabo, go ka nna kana ka makonopelo a lentswe, a khubama ka mangole, a rapela


mme botlhe ba e leng ba ditiro tsa molao ba mo khutsong; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsitswe mongwe le mongwe yo o sa direng tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao.”


ka fa tlhoafalong ke ne ke le mmogisi wa phuthego, ka fa tshiamong e e leng ka molao ke sa nyatsege.


Gonne o a re, o mohumi, o humile, ga o tlhoke sepe; mme o sa itse gore o mmogisegi, o tlhomola pelo, o tletse lehuma, o sefofu, ga o a ikatega.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan