Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 17:30 - Setswana 1970

30 Mme go tla nna fela jalo ka letsatsi le Morwa-Motho o bonatsegang ka lone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

30 Ee, go tlaa ‘bo go berekwa’ jaaka gale go fitlhelela lobaka lwa go boa ga me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

30 Go tla na hela yalo mo tsatsiñ ye Moroa mothu o tla bonatsioañ ka yeona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

30 Go tlaa nna fela jalo mo motlheng o Morwa Motho o tlaa senolwang ka one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 17:30
22 Iomraidhean Croise  

Kana Morwa-Motho o tla tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; mme foo o tla busetsa mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.


E rile a ntse mo Thabeng ya Diolefa, barutwa ba gagwe ba tla go ene kwa thoko ba re: “Re bolelele gore tseo di tla nna leng, le sesupo sa go tla ga gago le sa bokhutlo jwa metlha eno ya lefatshe se tla nna jang?”


Gonne go tla ga Morwa-Motho go tla nna jaaka go ne go le ka malatsi a ga Noa.


mme ba sa lemoge, ga tsamaya morwalela wa tla, wa ba tsaya botlhe. Go tla ga Morwa-Motho le gona go tla nna jalo.


Jesu a mo raya a re: “O boletse jalo. Fela ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona Morwa-Motho a ntse ka fa letsogong le le jang la Nonofo, a bile a tla ka maru a legodimo.”


Ke gona ba tla bonang Morwa-Motho a tla mo marung ka thata e kgolo le ka kgalalelo.


Gonne Morwa-Motho, mo letsatsing la gagwe, o tla nna jaaka legadima le le gadimang, le tswa ntlheng nngwe ya legodimo, le phatsimela kwa ntlheng e nngwe.


mme ka letsatsi le Lote o duleng mo Sotoma ka lone, ga na molelo le sebabole di tswa kwa legodimong, tsa ba laila botlhe.


Gonne ‘ao ke Malatsi a Pusoloso’ gore tsotlhe tse di kwadilweng di dirafale.


Foo ba tla bona Morwa-Motho a tla ka leru ka thata le kgalalelo e kgolo.


fa e bileng lo sa tlhoke neo epe, lo ntse lo lebeletse tshenogo ya Morena wa rona Jesu Keresete,


yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete.


E tla re Keresete yo e leng botshelo jwa rona a bonala, foo le lona lo bonale nae mo kgalalelong.


mme lona ba lo pitlaganngwang o lo lapolose mmogo le rona mo ponatshegong ya Morena Jesu, mogang a tswang kwa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe,


Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete.


gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete,


Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.


Mme jaanong, banaka, nnang mo go ene gore e re fa a bonatsega, re nne le phuthologo, mme re se ka ra tlhajwa ke ditlhong fa pele ga gagwe, mogang a tlang.


Baratwi, jaanong re bana ba Modimo mme ga go ise go bonatsege gore re tla nna jang. Mme re itse gore fa a sena go bonatsega, re tla tshwana nae; gonne re tla mmona jaaka a ntse.


Bonang, o tla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla lela ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan