Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 17:3 - Setswana 1970

3 Itiseng! “E re fa mokaulengwe wa gago a leofa, o mo kgalemele; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 ¶ Itiseñ, mi ha mothu enu a gu leohela, u muele; mi ha a ikuatlaea, mo icuarele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Itiseng: E re fa wa gaeno a go leofela, o mo omanye; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 17:3
18 Iomraidhean Croise  

Mosiami a ka ntitaya, ke ka lorato, a ka nkwatlhaya, ke lookwane lwa tlhogo; tlhogo ya me ga e kitla e lo gana. Le fa go ntse jalo ke rapela ka ntlha ya masula a bona.


Itiseng gore lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le lo tla tsenang mo go lone, e se re gongwe ba lo fetogela seru ba le mo gare ga lona.


Kgalemelo e thusa motlhalefi go feta dipetso tse di lekgolo mo lesilong.


Kgalemelo ponatshegong e phala lorato lo lo fitlhegileng.


Se kgalemele mosotli, e se re gongwe a go tlhoa; kgalemela yo o botlhale, o tla go rata.


“ ‘O se ka wa tlhoa morwa-rraago mo pelong ya gago, mme o kgalemele mongwe-ka-wena ka tshwanelo, e se re gongwe wa nna mo molatong ka ntlha ya gagwe.


Ke fa Petoro a atamela, a mo raya a re: “Morena, mokaulengwe wa me o ka nteofela ga kae, ke ntse ke mo itshwarela? A e ka nna gasupa?”


“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;


Tlhokomelang thata he ka fa lo tshelang ka teng, e seng jaaka masilo, mme e nne jaaka matlhale;


“Ka moo lo itiseng thata ka ntlha ya maphelo a lona. Gonne ga lo a ka lwa bona sebopego sa Modimo ka letsatsi le Morena o buileng le lona ka lone kwa Horebe a le mo molelong –


Itiseng he gore lo se lebale kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, e o e dirileng le lona, le e seng go itirela setshwantsho sa modimo le fa e le sa sebopego sefe; ke mo Morena, Modimo wa lona o go lo ileditseng.


Fela lo itise, lo ipoloke thata gore lo se ka lwa lebala ditirafalo tse matlho a lona a di bonyeng gore di se ka tsa timelela mo pelong tsa lona ka malatsi otlhe a botshelo jwa lona, mme lo di bolelele bana ba lona le bana ba bana ba lona;


lo ele tlhoko gore go se nne ope yo o diegelang bopelotlhomogi jwa Modimo, e se re gongwe modi o o galakang wa tlhoga, wa senya, mme batho ba bantsi ba kgotlelega ka ona.


Ba ga etsho, fa mongwe wa lona a timeletswe ke boammaaruri, mongwe a mo sokolola,


Itlhokomeleng gore lo se ka lwa latlhegelwa ke dilo tse re di dirileng, lo tle lo amogele tuelo e e tletseng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan