Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 17:26 - Setswana 1970

26 Mo malatsing a Morwa-Motho go tla nna fela jaaka go kile ga dirafala mo malatsing a ga Noa:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 “[E tlaa re fa ke boa] lefatshe le tlaa [tlhokomologa dilo tsa Modimo] jaaka batho ba lobaka lwa ga Noa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Mi yaka gole ga rihala mo malatsiñ a ga Noe, go tla na yalo le mo malatsiñ a Moroa mothu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 Jaaka go kile ga dirala mo metlheng ya ga Noa, go tlaa nna fela jalo le mo metlheng ya Morwa Motho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 17:26
16 Iomraidhean Croise  

Jaanong ya re Morena a bona bosula jwa batho bo le bogolo le maano otlhe a dikakanyo tsa dipelo tsa bone a le bosula fela ka metlha yotlhe,


Jaanong Morena a re: “Ke tla nyeletsa batho ba ke ba tlhodileng, ke ba tlosa mo lefatsheng; bone batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo; gonne ke ikwatlhaya, ka ke ba dirile.”


Mme Noa ene a bona bopelotlhomogi mo matlhong a Morena.


mme bone ba tlhapelwa, ba itumela, ba tlhaba dikgomo le dinku, ba ja nama, ba nwa weine ba re: “A re jeng he, re nweng, gonne kamoso re tla tsoga re sule.”


A ba a raya barutwa a re: “Metlha e tla tla e lo tla eletsang go bona lengwe la malatsi a Morwa-Motho ka yona, mme ga lo nke lo le bona.


Gonne Morwa-Motho, mo letsatsing la gagwe, o tla nna jaaka legadima le le gadimang, le tswa ntlheng nngwe ya legodimo, le phatsimela kwa ntlheng e nngwe.


Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba nyalwa, go tla go fitlha mo letsatsing le Noa o tsenyeng mo arekeng ka lone, mme morwalela wa tla, wa ba nyeletsa botlhe.


“Ke ofe wa lona yo e ka reng a na le motlhanka yo o lemang, gongwe yo o disang, ya re a tswa kwa tshimong, a mo raya a re: ‘Akofa o tle, o nne fa dijong’?


Ke lo raya ke re: O tla ba atlholela ka bonako. Fela a e tla re Morwa-Motho a tla, a fitlhele tumelo mo lefatsheng?”


Ke ka tumelo, fa Noa a ne a dira areka ka poifo-Modimo go pholosa ba lapa la gagwe, a sena go laelwa ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonwe; ke ka yona a atlhotseng lefatshe, a nna morua-boswa wa tshiamo e e leng ka fa tumelong.


gape wa se ka wa rekegela lefatshe la bogologolo, mme wa boloka Noa, moreri wa tshiamo, a na le batho ba supa, jale fa o tsisa morwalela mo lefatsheng la baikepi;


Ke ona a lefatshe la sebaka sele le senyegileng ka ona, e bong ka morwalela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan