Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 17:22 - Setswana 1970

22 A ba a raya barutwa a re: “Metlha e tla tla e lo tla eletsang go bona lengwe la malatsi a Morwa-Motho ka yona, mme ga lo nke lo le bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Mme morago a bua gape kaga selo se le barutwa ba gagwe. A ba raya a re, “Lobaka lo e tla lo lo tlaa ntlhoafalelang ka lone go nna le lona le fa e le letsatsi le le lengwe fela mme ke tlaa bo ke seyo fa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi a raea barutoa, Metla e tla tla, e lo tla tlologeleloañ go bona tsatsi leñue ya malatsi a Moroa mothu, mi ga lo kitla lo le bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 A raya barutwa a re: “Metlha e tlaa tla e lo tlaa eletsang go bona letsatsi lengwe la malatsi a Morwa Motho ka yone, mme ga lo ketla lo le bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 17:22
11 Iomraidhean Croise  

Jesu a ba araba a re: “A baetsana ba ka lela, monyadi a sa ntse a na nabo? Mme malatsi a tla tla, a monyadi a tla tlosiwang mo go bone ka ona; ke gona ba tla itimang dijo.


Mme malatsi a tla tla, mogang monyadi a tla bong a tlositswe mo go bone; ke gona mo malatsing ao ba tla itimang dijo.


Itseng, Ntlo ya lona lo e tlogelelwa e le letlotla. Ke lo raya ke re: Ga lo kitla lo mpona go tsamae lo tle lo re: ‘A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena!’ ”


Malatsi a tla tla; mme e tla re monyadi a sena go tlosiwa mo go bone, e be e le gona ba tla itimang dijo mo malatsing ao.”


Jesu a ba araba a re: “Lesedi le sa ntse le na le lona ka sebaka se sekhutshwane. Tsamayang, ka lo sa ntse lo na le lesedi, gore lefifi le se ka la lo tshwara; kana yo o tsamayang mo lefifing ga o itse kwa a yang teng.


Banaka, ke sa na le lona sebakanyana. Lo tla mpatla, mme jaanong le lona ke lo raya jaaka ke reile Bajuta ka re: ‘Kwa ke yang teng, lona lo palelwa ke go fitlha teng.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan