Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:9 - Setswana 1970

9 Gape ke lo raya ke re: “Itireleng ditsala ka Mamone wa tshiamololo gore e tle e re a fela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi kia lo raea, Itiheleñ litsala tsa mamone eo o sa siamañ; gore mogañ lo tlokañ ka ona, ba lo culele mo maagoñ a a sa khutleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 “Ke lo raya ke re: Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang; gore e tle e re a tlhaela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:9
28 Iomraidhean Croise  

Le fa nama ya me le pelo ya me di ka nyelela, Modimo ke lefika la pelo ya me, le kabelo ya me ka bosakhutleng.


Serwalo sa batlhalefi ke khumo ya bone, mme bosilo jwa dieleele e ntse e le bosilo fela.


Yo o tlhomogelang yo mmotlana pelo o adima Morena; ene o tla mo duelela thuso ya gagwe.


A o tla tlhoma matlho mo lehumong? Le tla tloga le nyelela! Gonne le itirela diphuka le fofela kwa legodimong jaaka lenong.


Tshedisa dijo tsa gago lewatle, gonne o tla di bona gape morago ga malatsi a mantsi.


Gonne ga nkitla ke lwa ka gale le e seng go galefa ka bosakhutleng. Gonne mewa ya bone e ka bo e felelwa ke thata fa pele ga me le maphelo a ke a dirileng ka nosi.


Ka moo, kgosi, a kgakololo ya me e go kgatlhe fa ke re: Tlosa maleo a gago ka ditiro tse di siameng, le melato ya gago ka go tlhomogela babogisegi pelo! E ka re gongwe o a phela o iketlile ka boleele.”


Jesu a mo araba a re: “Fa o rata go nna yo o tletseng, yaa o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa magodimong; o be o tle, o ntshale morago!”


“Se iphutheleng mahumo mo lefatsheng, kwa go senyang motoutwana le marale teng, le kwa magodu a phunyang, a utswa teng.


“Ga go ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.


Bogolo ntshang tse di mo teng go atswa bahumanegi, mme tsotlhe di tla nna phepa mo go lona.


Rekisang tse lo nang natso, lo ntshe dikatso. Itireleng dikgwama tse di sa onaleng, e bong lohumo lo lo sa feleng kwa magodimong, kwa legodu le sa atameleng teng le kwa motoutwana o sa senyeng teng;


Foo o tla nna sego, ka gonne ga ba na se ba ka go busetsang ka sona; o tla busediwa mo tsogong ya basiami.”


Jaanong fa lo ne lo sa ikanyege ntlheng ya Mamone yo o sa siamang, ke mang yo o tla lo ikanyang mo khumong ya boammaaruri?


“Ga go motlhanka ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.”


Ke lemogile se ke tla se dirang gore e tle e re ke ntshiwa mo bookameding, ba tle ba ntsholele mo matlong a bone.’


a nthaya a re: ‘Koronelio, thapelo ya gago e utlwilwe, le dikatso tsa gago di gopotswe fa pele ga Modimo.


Mme ene a tsepa matlho mo go ene a tshogile a re: “Ke eng, Morena?” A mo araba a re: “Merapelo ya gago le dikatso tsa gago di tlhatlogile go nna segopotso fa pele ga Modimo.


gonne tlalelo ya rona e e botlhofo ya nako e khutshwane e re direla letlotlo le le sa khutleng le le gaisang tsotlhe la kgalalelo,


lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo lebeletse kutlwelo-botlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete e e isang bophelong jo bo sa khutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan