Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:8 - Setswana 1970

8 “Morena a boka mookamedi wa tshiamololo, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno mo losikeng lwa bone ba tlhalefile go gaisa bana ba lesedi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 “Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi morena a baka motlameri‐ntlu eo o sa siamañ, gone a rihile ka botlale, gone bana ba hatsi yenu ba botlale bogolu mo baneñ ba leseri mo sikeñ loa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 “Mme morena wa gagwe a faka molebedi yo o sa siamang, ka a dirile ka botlhale; gonne bana ba lefatshe leno ba tlhalefetse losika lwa bone go gaisa bana ba lesedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:8
23 Iomraidhean Croise  

Noga e ne e feta diphologolo tsotlhe tsa naga ka boferefere tse Morena Modimo o di dirileng; ya botsa mosadi ya re: “A ruri Modimo o buile wa re: ‘Lo se ka lwa ja ditlhare dipe tsa tshimo’?”


Mme Amenone a bo a na le tsala, leina la yona e le Jonatabe morwa Šimea, mogoloa Dafita. Jonatabe e ne e le monna yo o botlhale thata.


Jaanong he, biletsang baporofeti botlhe ba ga Baale le botlhe ba ba mo direlang le baperesiti botlhe ba gagwe kwano go nna, mme go se ka ga tlhokafala ope; gonne ke rata go direla Baale tlhabelo e kgolo. Mongwe le mongwe yo o ka tlhokafalang ga a ka ke a phela.” Mme Jehu a dira jalo ka bolotsana gore a nyeletse ba ba direlang Baale.


le mo banneng ka letsogo la gago, Morena, le mo banneng ba lefatshe, ba kabelo ya bona e leng mo bophelong jono, ba o tlatsang dimpa tsa bona lehumo la gago; bana ba bona ba a kgora, letlotlo la bona ba le tlogelela masea a bona.


Tlayang, re ba logeleng maano, e se re gongwe ba atela pele, mme ya re fa ntwa e ka tla, ba goga le baba ba rona, ba tlhabana le rona, ba tlogela lefatshe le.”


Monna o bokwa go lekana le kitso ya gagwe, mme yo o pelo e kgopo o tla nyatsega.


Le fa e le mang yo o tla buang lefoko le le nyefolang Morwa-Motho, o ka itshwarelwa; mme yo o tla buang le le nyefolang Mowa o o Boitshepo, ga a kitla a itshwarelwa mo metlheng eno le e seng mo go e e tlang.


Mme ya re a re: “Mo bathong ba bangwe,” Jesu a mo raya a re: “Fa go le jalo, bomorwa ba gololesegile.


Yo o ikanyegang mo go se sennye o ikanyega le mo go se segolo; mme yo o sa siamang mo go se sennye, ga a siama le mo go se segolo.


Ke lemogile se ke tla se dirang gore e tle e re ke ntshiwa mo bookameding, ba tle ba ntsholele mo matlong a bone.’


A tloga a raya yo mongwe a re: ‘Wena o molato o le kae?’ Yoo a re: ‘Dikgetse tsa mabele di le 300.’ Mookamedi a mo raya a re: ‘Tsaya lokwalo lwa gago lwa molato, o kwale o re: Di le 240.’


Morena a ba a re: “Lo utlwile se moatlhodi yo o sa siamang o se buileng.


Jesu a ba araba a re: “Bana ba lefatshe leno ba a nyala, ba a nyalwa;


mme ba ba kaiwang ba siametse go abelwa lefatshe lele le tsogo ya baswi ga ba nyale, ga ba nyalwe,


A e re ka lo sa ntse lo na le lesedi, dumelang mo leseding gore lo nne bana ba lesedi.” Jesu a bua dilo tseo, a ba a ya a ba iphitlhela.


A go se nne ope yo o itsietsang! Fa mongwe mo go lona a itshema yo o botlhale mo lefatsheng leno, a a nne bosilo gore a tle a tlhalefe;


Gonne lo kile lwa bo lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi mo Moreneng; tsamayang jaaka bana ba lesedi –


Bokhutlo jwa bone ke tatlhego, modimo wa bone ke mpa, tlotlo ya bone ke ditlhong tsa bone; ba gopola tsa lefatshe fela.


Nnyaya, lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo le e seng ba lefifi.


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Ke sona se go bonalang ka sona ba e leng bana ba Modimo le ba e leng bana ba ga Diabolo; mongwe le mongwe yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng modumedi-ka-ene o ntse jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan