Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:26 - Setswana 1970

26 Mme kwa ntle ga tsotlhe tseo go na le kgophu e kgolo fa gare ga rona le lona, gore ba ba kwano ba ba ratang go fetela go lona, ba retelelwe, le ba ba koo, ba ba ratang go tla kwano go rona, ba palelwe.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 Gape kwa ntle ga moo, go na le phata e tona e e senang bolekeletso, e e re kgaoganyang, mme mongwe yo o batlang go tla kwa go wena a tswa fano o kganelwa ke losi lwa yone; le gone ga go ope yo o ka kgabaganyetsang ka kwano go rona’.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Mi bogolu mo go cotle tse, phatla e kholu e tlomiloe ha gare ga rona le lona; ki gona ba ba kuanu ba ba ratañ go ea go lona, ba reteleloa; le koñ ba ba ratañ go tla go rona, ba reteleloa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:26
15 Iomraidhean Croise  

Ke yona tsela ya ba ba iikanyang le ya balatedi ba bona ba ba kgatlhwang ke mafoko a bona. Sela.


Tlhokomelang tlhe dilo tseo, lona ba lo lebalang Modimo, gore ke se ka ka gagoganya, mme ga tlhokwa yo o pholosang.


“ ‘Mme mo Baiseraeleng ga go kitla go tlhola go nna mutlwa o o ba tlhabang le e seng lobolela lo lo ba tlhokofatsang tse di tswang mo go botlhe ba ba ba nyatsang ba ba mo tikologong ya bone, mme ba tla itse gore ke nna Morena Modimo.’


Mme lo tla baa lo bona pharologanyo fa gare ga mosiami le moikepi, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.


Mme ba tla tloga ba ya kwa petsong e e sa khutleng, basiami bone ba ya botshelong jo bo sa khutleng.”


Ke go raya ke re: Ga o nke o tswa teng ka gope, o ise o lefe le lone ledinyana la bofelo.”


“Mme Aborahame a re: ‘Ngwanaka, gopola gore o amogetse tse di molemo tsa gago mo bophelong jwa gago, mme Lasaro ene tse di bosula jalo; mme jaanong mono ene o a gomodiwa, mme wena o a tlhokofadiwa.


Mohumi a re: ‘Rra, fa go le jalo, ke go rapela gore o mo rome kwa ntlong ya ga rre;


Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame.”


Diabolo yo o ba timeditseng a latlhelwa mo letsheng la molelo le sebabole kwa sebata le moporofeti wa maaka ba leng teng; mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare go ya bosakhutleng.


Mosiamolodi a a nne a siamololele pele, le yo o kgotlelegileng a a nne a ikgotlelele pele; mme yo o siameng a a nne a direle tshiamo pele, le yo o itshepileng a a nne a itshepele pele.”


Ya re Abikaile a fitlha kwa go Nabale a fitlhela a na le moletlo mo ntlong ya gagwe o e keteng ke moletlo wa kgosi. Nabale o ne a itumetse a tagilwe gagolo thata. Mme Abikaile a se ka a mmolelela sepe, le fa e le se sebotlana gongwe se segolo go ya bo be bo se.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan