Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:22 - Setswana 1970

22 “Ya re mokopi a swa, a belegelwa ke baengele kwa sehubeng sa ga Aborahame. Mohumi le ene a swa, a fitlhwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Mme ya re kwa bofelong mokopi a swa mme a tsewa ke baengele go ya go nna le Aberahame mo felong ga baswi ba ba siameng. Mme monna wa mohumi le ene a swa a fitlhwa,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi ga rihala mokopi a shua, mi baengele ba melegela sehubeñ sa ga Aberahame.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 “Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:22
28 Iomraidhean Croise  

Ba phela monate ka malatsi aotlhe; ba fologela mo felong ga baswi ba le kagisong.


Moikepi o digwa ke bosula jwa gagwe, mme mosiami o na le botshabelo motlha a swang.


Le gona ka bona baikepi ba fitlhwa ka tlotlo, ba tsena boikhutsong, mme ba ba dirileng ka tshiamo ba na le go tlogela felo ga boitshepo le go lebalwa mo motseng. Le tseo di a mpalela.


Dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba di robetse ka tlotlo, nngwe le nngwe mo phupung ya yona.


yo o ikepetseng lebitla kwa godimo, a ikgabela moago mo lefikeng, o re: ‘O na le eng mono? O na le mang mono? Ke eng, fa o ikgabetse lebitla mono?


“Itiseng gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke lo raya ke re: Baengele ba bone kwa magodimong ba bona ka gale sefatlhego sa ga Rre yo o kwa magodimong.


O tla roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya diphala, ba tla phutha batlhaolwi ba gagwe kwa ntlheng tse nne, go tswa sekhutlong sengwe sa magodimo go ya kwa go se sengwe.


Ke bile ke lo raya ke re: Ba bantsi ba tla tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, ba nna fa tafoleng le Aborahame le Isaka le Jakobe mo pusong ya magodimo;


Gonne go ka thusa motho eng, fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete?


Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Lesilo ke wena! Mowa wa gago o tla tlosiwa mo go wena mo bosigong jono; mme dilo tse o di kgobokantseng e tla nna tsa ga mang?’


A eletsa go kgorisiwa ka tse di wang mo tafoleng ya mohumi: gape ga tla dintšwa, tsa latswa dintho tsa gagwe.


Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.


Mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu a mo ratang, o ne a rapame fa sehubeng sa ga Jesu.


Ya re Petoro a retologa, a bona morutwa yo Jesu a mo ratang, a ba setse morago, ene yo o neng a rapame fa sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a re: “Morena, ke mang yo o go tshwarisang?”


Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa?


Jaanong e re ka bana ba na le madi le nama, le ene a nna natso fela jalo, gore a nyeletse ka loso ene yo o nang le thata ya loso, e bong Diabolo,


Gonne e a re letsatsi le tlhaba ka mogote o o fisang, le swabise bojang, mme sethunya sa jona se tlhotlhorege, bontle jwa sebopego sa sona bo nyelele: Mohumi le ene o tla nyelela jalo mo metsamaong ya gagwe.


O ne a belegela maleo a rona ka boene ka mmele wa gagwe kwa sefapaanong, gore rona re nne ba ba suleng ntlheng ya boleo, mme re tshelele tshiamo; lo fodisitswe ka dintho tsa gagwe.


Ke fa ke utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Kwala o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng go tloga jaanong.” Mowa o a re: “Ee, ba tla bona boikhutso morago ga matsapa a bone; ka gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan