Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:2 - Setswana 1970

2 A mmitsa, a mo raya a re: ‘Ke eng se ke se utlwang ka ga gago? Ikarabele ka ga bookamedi jwa gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna mookamedi.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi a mitsa, a mo raea, Eñ se ki se utluañ ga gago? naea palo ea tlamelo ea gago, gone u si kitla u tlola u na motlameri‐ntlu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Mme a mmitsa, a mo raya a re: ‘Eng se ke se utlwang ka ga gago? Bolela ka thulaganyo ka ga tebalebelo ya gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna molebedi.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:2
23 Iomraidhean Croise  

Gonne Modimo o tla isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, o atlhola tsotlhe tse di fitlhegileng, le fa di le molemo gongwe bosula.


“Ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tla le buang, ba tla ikarabela ka ga lone mo letsatsing la katlholo.


“Ya re go le maitsiboa, morena wa tshimo ya moweine a raya motlameledi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba amogedise dituelo tsa bone, o simolole ka ba morago, o fetse ka ba ntlha.’


Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Lesilo ke wena! Mowa wa gago o tla tlosiwa mo go wena mo bosigong jono; mme dilo tse o di kgobokantseng e tla nna tsa ga mang?’


Morena a re: “Kana molebeledi yo o ikanyegang, yo o botlhale ke mang, yo morena wa gagwe o tla mo laodisang badiredi ba gagwe gore a ba abele dijo ka nako tsa teng?


Le gona a raya barutwa ba gagwe a re: “Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a na le mookamedi wa ditiro; mme yo, o ne a latofadiwa fa pele ga gagwe gore o senya di-tsa-gagwe.


Mookamedi a ikakanya a re: ‘Ke tla dirang, ka e le fa morena wa me a tlosa bookamedi mo go nna? Ga ke itse go otola, mme go kopa go ntlhabisa ditlhong.


Ke ka moo mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelang ka boene mo Modimong.


Bakaulengwe ba me, kana ke begetswe ke ba ga Keloe ka ga lona gore go na le dikganetsanyo mo go lona;


Mme kana go batlega mo go bone balebeledi gore mongwe le mongwe a fitlhelwe a le boikanyo.


Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.


gonne rona rotlhe re na le go bonala fa pele ga sedulo sa tshekelo sa ga Keresete gore mongwe le mongwe a amogele ka fa ditirong tse a di dirileng a sa le mo mmeleng, le fa e le tse di molemo kampo tse di bosula.


O se ka wa tlhokomologa neo e e mo go wena, e o e neilweng ka polelelopele le ka go bewa diatla ke bagolo.


Maleo a batho bangwe a itsege gotlhe, a ba etelela pele kwa katlholong, mme a ba bangwe a a ba latela.


Direlanang, mongwe le mongwe ka fa neong e o e amogetseng, lo nne badirisi ba ba molemo ba methale ya bopelontle jwa Modimo:


ke bone ba ba tla ikarabelang fa pele ga gagwe yo o iketleeleditseng go atlhola baphedi le baswi.


Ka ba ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga sedulo sa bogosi sa Modimo; jaanong dikwalo tsa bulwa; ga bulwa lokwalo lo longwe lo e leng lwa bophelo; mme baswi ba atlholwa ka fa ditirong tsa bone tse di kwadilweng mo dikwalong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan