Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:16 - Setswana 1970

16 “Molao le baporofeti ba felela ka Johane; go tloga foo go rerwa Efangele ya puso ya Modimo, mme mongwe le mongwe o itshukunyetsa mo go yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Molao le baperofeti ba le ba leo le go Yohane; e sale ka motla ouo bogosi yoa Morimo bo reroa, mi moñue le moñue oa icukanyetsa go yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 “Molao o ntse o le teng le baperofeti go tla go fitlha mo go Johane; e sa le ka lobaka loo Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo a ntse a rerwa, mme mongwe le mongwe o tsena mo go lone ka go ikeka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:16
21 Iomraidhean Croise  

Lo tsamae lo ntse lo rera lo re: ‘Puso ya Modimo e atametse.’


Se se tsenang ka legano ga se sona se se itshekololang motho; mme se se tswang ka molomo ke sona se se itshekololang motho.”


Gonne Johane o tsile go lona ka thuto e e siameng, mme ga lo a ka lwa mo dumela; bakgethisi le diaka bone ba mo dumela. Mme lona, le fa lo bonye, ga lo a ka lwa ikwatlhaya morago gore lo mo dumele.


“Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!”


Go tloga foo Jesu a simolola go rera a re: “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!”


Jaanong Jesu a tsamaya le Galelea yotlhe, a ntse a ruta mo disenagogeng tsa bone a rera Efangele ya puso, a fodisa malwetse otlhe le makoa otlhe mo bathong.


E rile Johane a sena go golegwa, Jesu a ya kwa Galelea, a rera Efangele ya Modimo.


Mme ene ya re a tswa, a simolola go bolela tse dintsi le go utlwatsa tiro eo, mo Jesu a neng a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng a bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a senya. Mme batho ba tla go ene, ba tswa ntlheng tsotlhe.


‘Le lone lorole lwa motse wa lona, lo lo kgomaretseng dinao tsa rona, re a lo lo phimolela. Fela, itseng gore puso ya Modimo e atametse.’


lo be lo fodise balwetse ba ba mo go ona, lo ba ree lo re: ‘Puso ya Modimo e lo atametse.’


“Aborahame a mo fetola a re: ‘Ba na le Moše le baporofeti; a ba utlwe bone!’


Foo Aborahame a mo raya a re: ‘Fa ba sa utlwe Moše le baporofeti, ga ba ka ke ba kgonega, le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”


A ba roma go rera puso ya Modimo, le go fodisa ba ba lwalang.


Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.”


Fa re ka mo leseletsa jalo, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla, ba re amoga lefatshe le morafe.”


Jaanong Bafarisai ba raana ba re: “Lemogang tlhe gore ga lo kgone sepe; kana lefatshe lotlhe le mo setse morago.”


Gonne moengele o ne a tle a fologele mo bodibeng ka dinako tse dingwe, a hudue metsi; yo jaanong a tsenang pele, metsi a sena go huduiwa, a fole, le fa e ka nna bolwetse bofe jo bo mo tshwereng.


Mme tse Modimo o di boleletseng pele ka melomo ya baporofeti botlhe gore Keresete wa ona o tla bogisega, o di dirafaditse jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan