Luke 16:15 - Setswana 197015 Mme Jesu a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho, mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlomaditsweng ke batho, ke makgapha fa pele ga Modimo. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha15 Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)15 Mi a ba raea, Ki lona ba lo itsiamisañ ha pele ga bathu; mi Morimo oa itse pelu tsa lona; gone se se kaioañ segolu mo bathuñ, se mashue bobe ha pele ga Morimo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo15 Mme a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho; mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlegang thata mo bathong, se bo se le makgapha fa pele ga Modimo. Faic an caibideil |