Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:1 - Setswana 1970

1 Le gona a raya barutwa ba gagwe a re: “Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a na le mookamedi wa ditiro; mme yo, o ne a latofadiwa fa pele ga gagwe gore o senya di-tsa-gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI le gona a raea barutoa ba gague, Gabo gole monona oa mohumi, a na le motlameri‐ntlu, mi eo, a latuharioa go ena, ha a sentse lilo tsa gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Le gone a raya barutwa a re: “Go ne go le monna mongwe e le mohumi, a na le molebedi wa dilo tsa gagwe; ene yo a newa molato kwa go mong wa gagwe, ga twe, o senya dilo tsa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:1
19 Iomraidhean Croise  

Mme Aborame a re: “Morena Modimo, o tla mpha eng, ka e le fa ke tla tsamaya, ke se na bana? Mme Eliesere yo wa kwa Damaseko o tla ja boswa jwa lapa la me.”


Ka moo ba atamela mookamedi wa lelapa la ga Josefa, ba bua nae fa mojakong wa ntlo


Jaanong Dafita a kgobokanya dikgosana tsotlhe tsa Iseraele, e bong dikgosana tsa ditso le balaodi ba ditlhopha tsa ba ba direlang kgosi le balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo le baokamedi ba dithoto tsotlhe le dithuo tsotlhe tsa kgosi le tsa bomorwaa-yona, ba na le badiredi ba lapa la kgosi le bagale le batlhabani botlhe ba ba pelokgale, a ba phuthela kwa Jerusalema.


Le ene yo o botlapa mo tirong ya gagwe ke monnaa mosenyi.


“Mme ga a ka a lemoga gore ke nna ke mo neileng mabele le matute a moweine le lookwane; ke mo ntsifaleditse selefera le gouta tsa ba diretseng Baale ka tsona.


“Ya re go le maitsiboa, morena wa tshimo ya moweine a raya motlameledi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba amogedise dituelo tsa bone, o simolole ka ba morago, o fetse ka ba ntlha.’


Morena a re: “Kana molebeledi yo o ikanyegang, yo o botlhale ke mang, yo morena wa gagwe o tla mo laodisang badiredi ba gagwe gore a ba abele dijo ka nako tsa teng?


Morago ga malatsi a se kae morwa yo mmotlana a phutha tsotlhe, a hudugela kwa lefatsheng le le kwa kgakala; teng a senya khumo ya gagwe ka bophelo jo bo maswe.


Mme e rile morwao yo a tla, yo o jeleng dithuo tsa gago le diaka, wa mo tlhabela namane e e nontshitsweng.’


“Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a apere seaparo se sehibidu le lesela le lentle la letseta, a nna a itumela ka letsatsi le letsatsi mo bontlengtleng.


A mmitsa, a mo raya a re: ‘Ke eng se ke se utlwang ka ga gago? Ikarabele ka ga bookamedi jwa gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna mookamedi.’


“Yo mongwe a tla a re: ‘Morena, bona, diranta tsa gago tse di some ke tse; ke di bolokile mo leseleng la mofufutso;


le Johana, mosadi wa ga Gusa, molebeledi wa ntlo ya ga Herote, le Susana, le bontsi jwa ba bangwe ba ba neng ba ba direla ka tse ba nang natso.


gonne mookamedi o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, e le yo o tlhokomelang tsa Modimo, e se yo o ikgantshang, e se yo o gakalang fela, e se letagwa, e se morumodi, a sa batle khumo e mpe,


Lo a rapela, mme ga lo amogele sepe, ka gonne lo rapela ka mokgwa o o bosula, gore lo tle lo senye dilo ka bofafalele mo dikgatlhegong tsa lona.


Direlanang, mongwe le mongwe ka fa neong e o e amogetseng, lo nne badirisi ba ba molemo ba methale ya bopelontle jwa Modimo:


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan