Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:6 - Setswana 1970

6 Mme e re a tla mo gae, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae, a ba ree a re: ‘Itumeleng le nna; ka gonne ke bonye nku ya me e e neng e timetse.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ka a tla mo gae, a bitsa litsala tsa gague le bañ ka ena mogo, a ba raea, Itumeleñ le ’na; gone ki bonye ñku ecu e e le e timetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 E re a tla mo gae a phuthe ditsala tsa gagwe le ba ga gabo, a ba reye a re: ‘Itumeleng le nna, gonne ke bonye nku etsho e e neng e timetse.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:6
19 Iomraidhean Croise  

Ke latlhegile jaaka nku e e timetseng; a o ko o batle motlhanka wa gago; gonne ditaelo tsa gago ga ke di lebale.


E rile baaga-mmogo le ba ga gabo ba utlwa gore Morena o mo godiseditse boutlwelo-botlhoko jwa gagwe, ba itumela nae.


Ke lo raya ke re: Go boitumelo jalo mo baengeleng ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe yo o sokologang.”


ka gonne morwaake yo o ne a sule, mme o bile o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Mme ba simolola go itumela.


Mme e re a sena go e bona, a e bee mo magetleng a gagwe, a itumele.


Ke lo raya ke re: Go tla nna boitumelo jalo mo legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o sokologang, bogolo go basiami ba le 99, ba go sa batlegeng tshokologo mo go bone.


Lona lo ka nna ditsala tsa me, fa lo dira tsotlhe tse ke di lo laelang.


Yo o nang le monyalwa ke monyadi; mme tsala ya monyadi e e mo direlang e a mo utlwa, e itumelela lentswe la monyadi thata. Boitumelo joo jwa me bo tletse jaanong.


Ya re a fitlha teng, mme a bona bopelotlhomogi jwa Modimo, a itumela, a ba a ba kgothatsa botlhe gore ba ngaparele Morena ka boikaelelo jwa pelo;


Ya baa gona ba buledisiwang ke phuthego, ba ralala Fenikia le Samaria, ba eta ba bolelela badumedi tshokologo ya baheitane, ba ba itumedisa botlhe thata.


thapelo nngwe le nngwe e ke lo rapelelang lotlhe ka yona ka gale ke e dira ka boitumelo


Mme le fa madi a me a ka tshololwa jaaka tshupelo ya noo ke ntse ke supele Modimo tumelo ya lona le go e o isetsa, ke tla nna ke itumela, ke be ke itumela le lona lotlhe.


Ka moo he, emang jalo mo Moreneng ka tlhomamo, lona bakaulengwe ba ka ba ba rategang, ba ke lo tlhologeletsweng, ba lo leng boitumelo jwa ka le serwalo sa ka, lona baratwi.


Kana tsholofelo ya rona gongwe boitumelo jwa rona gongwe serwalo sa tlotlo sa rona ke mang? A ga se le lona fa pele ga Jesu Morena wa rona mo go tleng ga gagwe?


lona ba e rileng pele lwa bo lo se morafe, mme jaanong lo batho ba Modimo ba lo neng lo sa utlwelwe botlhoko, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko.


Gonne lo ne lo ntse jaaka dinku tse di timetseng, mme jaanong lo boetse go Modisa le Molebeledi wa mewa ya lona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan