Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:5 - Setswana 1970

5 Mme e re a sena go e bona, a e bee mo magetleng a gagwe, a itumele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ka a sina go e bona, a e baea mo maruliñ a gague, a itumela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Mme o tlaa re a sena go e bona, a e beye mo magetleng a gagwe, a itumele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:5
31 Iomraidhean Croise  

Ba tla bidiwa “Morafe o o Boitshepo” le “Ba ba golotsweng ba Morena”. Mme wena o tla bidiwa “Yo o batlilweng” le “Motse o o sa tlogelweng”.


Gonne Moagi wa gago o tla go nyala jaaka lekau le nyala lekgarebe; Modimo wa gago o tla go itumelela jaaka monyadi a itumelela monyalwa.


mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.


A nka kgatlhwa ke loso lwa moikepi?” go botsa Morena Modimo. “Nnyaya, se se nkgatlhang ke fa a tlhabologa, a tlogela ditsela tsa gagwe gore a phele.


Ba ree ò re: ‘Morena Modimo o buile wa re: Ka bophelo jwa me! Ga ke kgatlhwe ke loso lwa moikepi. Se se nkgatlhang ke fa moikepi a tlogela tsamao ya gagwe, a phela. Boang, lo tlogele ditsela tse di bosula tsa lona! Lo ratelang go swa, lona Baiseraele?’


Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo.


Ke mang yo e leng Modimo jaaka wena o o itshwarelang molato, o o iphapaanyang tlolo ya masalela a boswa jwa ona? Ga o nke o boloka bogale jwa ona ka bosakhutleng, gonne o natefelwa ke bopelotlhomogi.


Morena, Modimo wa gago, o na nao, ke seganka se se pholosang; o tla go thabela ka boitumelo, a ritibala mo loratong lwa gagwe; o tla go tlhabela mokgosi wa tuduetso.”


Mme e ne e le tshwanelo go ipela le go itumela; ka gonne monnao yo o ne a sule, mme o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ”


“Motho ke ofe mo go lona, yo e ka reng a na le dinku di le lekgolo, a timelelwa ke e le nngwe ya tsona, a se ka a tlogela tse di 99 kwa sekakeng, a latela e e timetseng go tsamaya a e bone?


Mme e re a tla mo gae, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae, a ba ree a re: ‘Itumeleng le nna; ka gonne ke bonye nku ya me e e neng e timetse.’


Mme Jesu a mo raya a re: “Kajeno pholoso e dirafaletse ntlo e, ka le ene e le morwa Aborahame:


Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke go raya ke re: Kajeno o tla nna le nna mo Parateiseng.”


“Dilo tse ke di buile le lona gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo tlale.


Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.


e ke duleng modiredi wa yona ka fa neong ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka fa tirong ya thata ya ona.


gonne Efangele ya rona ga e a ka ya tla koo go lona ka mafoko fela, mme e tsile le ka thata le ka Mowa o o Boitshepo le ka tlhomamo e kgolo, jaaka lo itse ka fa re neng re le mo go lona ka teng ka ntlha ya lona.


ba tle ba rarabologelwe, ba tswe mo serung sa ga Diabolo se ba neng ba tshwerwe ka sona gore ba dirafatse thato ya gagwe.


re lebile Jesu, mosimolodi le mofetsi wa tumelo, yo o neng a itshokela sefapaano boemong jwa boitumelo jo bo mo lebanyeng, a nyatsa ditlhong, a ba a nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Modimo.


lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan