Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:4 - Setswana 1970

4 “Motho ke ofe mo go lona, yo e ka reng a na le dinku di le lekgolo, a timelelwa ke e le nngwe ya tsona, a se ka a tlogela tse di 99 kwa sekakeng, a latela e e timetseng go tsamaya a e bone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mothu ohe oa lona, eo o nañ le liñku li hundereda, mi ha a latlegeloa ki ñue ea cona, a ga a tlogele tse ri naente le naen kua gareganaga, mi a ea go e e timetseñ, ga tsamaea a e bona?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 “Motho ke ofe wa lona yo e ka reng a na le dinku di le lekgolo, mme fa nngwe ya tsone e timela, yo o se keng a tlogela tse di 99 mo nageng, a ye go batla e e timetseng, go tle go tsamaye a e bone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:4
19 Iomraidhean Croise  

Ke latlhegile jaaka nku e e timetseng; a o ko o batle motlhanka wa gago; gonne ditaelo tsa gago ga ke di lebale.


Rona rotlhe re ne re timetse jaaka dinku, mongwe le mongwe wa rona a fapogela mo tseleng ya gagwe, mme Morena o ne a digela melato ya rona rotlhe mo go ene.


Mo metseng ya dithaba le mo metseng ya naga e e kwa tlase le mo metseng ya borwa le mo nageng ya Benyamene le mo tikologong ya Jerusalema le mo metseng ya Juta, difutshane di tla feta gape fa thoko ga yo o di balang. Morena o buile jalo.


“Morafe wa me e ne e le letsomane le le latlhegileng, o timeditswe ke badisa ba ona, ba o faposetsa kwa dithabeng; wa tsamaya mo dithabeng le mo dithabaneng, wa lebala lesaka la ona.


“ ‘Ke tla batla tse di timetseng, ke busa tse di lelekilweng, ke fapa tse di robegileng, ke tiisa tse di lwalang, ke disa tse di akotseng le tse di tiileng, ke di fudisa ka tshwanelo.


“ ‘Lona lo dinku tsa me, lo dinku tse ke di fudisang; lo batho, mme nna ke Modimo wa lona,’ go bua Morena Modimo.”


Tse di fokolang ga lo a ka lwa di tiisa; tse di lwalang ga lo a ka lwa di alafa; tse di robegileng ga lo a ka lwa di fapa; tse di lelekilweng ga lo a ka lwa di busa; tse di timetseng ga lo a ka lwa di batla; mme tse di tiileng lwa di gataka ka kgatelelo.


Morena Modimo o bua a re: ‘Ruri! Ka bophelo jwa me! Dinku tsa me di fetogile thopo, dinku tsa me ke dijo tsa dibata tsotlhe tsa naga ka go tlhoka modisa; badisa ba me ga ba a ka ba tlhokomela dinku tsa me – kana badisa ba ne ba iphudisa fela, ba sa fudise letsomane la me.


A ba fetola a re: “Motho e ka nna mang mo go lona yo o nang le nku e le nngwe fela yo e ka reng e wetse mo mokoleng ka Sabata, a se ka a e tshwara, a e ntsha?


Morena a mo araba a re: “Baitimokanyi ke lona! Mongwe le mongwe wa lona a ga a ke a golola kgomo ya gagwe gongwe esele fa segopong ka Sabata, a ya go e nosa?


Ke fa Jesu a ba bolelela setshwantsho se a re:


gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.”


Ke ka moo ò tlhokang go itlhatswa, motho ke wena, le fa o ka ne o le mang yo o latofatsang; ka gonne se o latofatsang yo mongwe ka sona ke se o itatofatsang ka sona; ka gonne wena molatofatsi o dira sona seo.


Gonne lo ne lo ntse jaaka dinku tse di timetseng, mme jaanong lo boetse go Modisa le Molebeledi wa mewa ya lona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan