Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:25 - Setswana 1970

25 “Morwawe yo mogolo a bo a le kwa tshimong. Ya re a tla a atamela ntlo, a utlwa kopelo le dipina.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

25 “Ka nako eo, morwawe yo mo tona o ne a dira mo tshimong, erile fa a boela gae a utlwa moopelo wa mmino o tswa mo tlung;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

25 Mi yana moroaue eo mogolu a ba le kua nageñ; mi ka a tla, a atamela ntlu, a utlua kopelo le pina.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

25 “Jaana morwawe yo mogolo a bo a le kwa nageng; ya re a tla a atamela ntlo, a utlwa kopelo le pino.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:25
12 Iomraidhean Croise  

Dafita a eta a bina ka thata yotlhe fa pele ga Morena, a itlamile ka khiba ya boperesiti ya letseta.


Sefela sa go ya Tempeleng. E rile Morena a fetola tatlhego ya Sione, ra tshwana le ba ba lorang.


A ba bake leina la gagwe ka dipina, ba mo leletse moropa le harepa.


O bakeng ka moropa le ka dipina, o bakeng ka dikwadi tsa dithapo le ka ditlhaka!


Utlwa, Morena, o ntlhomogele pelo; Morena, o nne mothusi wa me.”


Le Miriame, moporofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana ka letsogo; basadi botlhe ba tswa, ba mo sala morago ba tshotse meropana, ba ntse ba bina.


sebaka sa go lela le sebaka sa go tshega; sebaka sa go hutsafala le sebaka sa go bina;


Ke tla go aga gape gore o agege, wena lekgarebe la Iseraele. O tla ikgabisa gape ka meropa ya gago, o tswela kwa dipineng tsa ba ba itumetseng.


ka gonne morwaake yo o ne a sule, mme o bile o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Mme ba simolola go itumela.


A ipiletsa mongwe wa batlhanka, a mmotsa gore go direlwang jaana.


Ba tshwana le bana ba ba ntseng mo patlelong, ba bitsana ba re: ‘Re lo leleditse ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; re lo opeletse tse di ledisang, mme ga lo a ka lwa lela.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan