Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:21 - Setswana 1970

21 Morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, ka ba ka leofela wena; ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 “Morwawe a mo raya a re, ‘Rra, ke leofetse legodimo le wena, mme ga ke na tshwanelo ya go bidiwa morwao—’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi moroaue a mo raea, Rra, ki leohetse legorimo, le ha pele ga gago, mi ga ki tlole ki cuanela go birioa moroau.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Mme morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:21
10 Iomraidhean Croise  

Ene o tla opelela batho a re: ‘Ke ne ke leofile, ka sokamisa tse di siameng, mme Modimo ga o a nkotla ka fa go ntebanyeng.


Mme o se ka wa seka le motlhanka wa gago; gonne ga go na mophedi ope yo o siameng fa pele ga gago.


Ntlhapise sentle, o tlose tshiamololo ya me, o intshekise boleo.


Fela o ipone molato, fa o ikepile mo Moreneng, Modimo wa gago, wa ineela medimo e sele thata fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me,” go bua Morena.


gore o akanye, o tlhajwe ke ditlhong, o palelwe ke go bula molomo gape ka ntlha ya ditlhong tsa gago, fa ke go itshwarela tsotlhe tse o di dirileng.” Go bua Morena Modimo.


A ba a nanoga, a ya kwa go rraagwe. “Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, a tlhomoga pelo, a taboga, a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla.


Mme rraagwe a raya batlhanka ba gagwe a re: ‘Akofang lo ntshe seaparo se sentlentle, lo mo apese, lo mo rwese palamonwana mo monwaneng, le ditlhako mo dinaong;


A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong?


Mme e re ka lo leofela bakaulengwe jalo le go khutla digakolodi tsa bone tse di bokoa, lo leofela Keresete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan