Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:18 - Setswana 1970

18 Ke tla nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo le wena;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Ke tlaa ya gae kwa go rre ke re, “Rra, ke leofetse legodimo le wena.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Ki tla a tloga, mi ki tla ea go rre, mi ki tla mo raea, Rra, ki leohetse legorimo, le ha pele ga gago;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Ke tlaa nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:18
36 Iomraidhean Croise  

Mme thapelo ya gagwe le ka fa a utlwilweng ka teng le boleo jotlhe jwa gagwe le boikanyologo jwa gagwe le mafelo kwa o neng a aga dithota tsa tlhabelo, a tlhoma medimako ya Ašera le medimo ya diseto teng, a ise a ikokobetse, kana tsona di kwadilwe mo ditirafalong tsa baboni.


Morena, intshwarele molato wa me ka ntlha ya leina la gago, gonne o mogolo.


Se tlhokise mosimane kotlo; fa o mo itaya ka thupa ga a kitla a a swa.


Gonne wena o rraarona. Kana Aborahame ga a re itse le Iseraele ga a re lemoge. Wena Morena o rraarona. Mogolodi wa rona: Ke lone leina la gago go tswa bogologolo.


“Kana nna ke ne ke re: ‘Ke tla go tshola jaaka morwaake, ke go naya lefatshe le le eletsegang, e leng boswa jo bontlentle go phala jwa ditšhaba; ka ba ka re: O tla mpitsa o re: “Rra,” o sa ikepe mo go nna.


A Eferaime ke morwaake yo o rategang? Gongwe a ke ngwana yo o nthabisang? Gonne ka nako le nako, fa ke bua ka ga gagwe, ke sa ntse ke na le go mo gopola. Ke ka moo maikutlo a me a mo huduegelang, ke na le go mo tlhomogela pelo.” Morena o buile jalo.


A a ise molomo wa gagwe kwa loroleng; ka gongwe go teng se se solofelwang.


A re tlhatlhobeng ditsela tsa rona, re di tlhotlhomise, re boele Moreneng!


Jaanong fa go laotswe gore go sadisiwe thito ya setlhare e e nang le medi, ke go re: Bogosi jwa gago o tla boela mo go jona, o sena go lemoga gore puso ke ya legodimo.


Mme ke itheile ka re: ‘Ke lelekilwe ka tlosiwa fa pele ga gago. A ke tla tlhola ke bona Tempele e e Boitshepo ya gago gape?’


Go itse mang? Ka gongwe Modimo o ka busa pelo, wa boa mo bogaleng jwa ona jo bo tukang gore re se ka ra nyelela.’ ”


mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joretane, ba ntse ba ipobola dibe tsa bone.


“Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, le lona Rraeno wa legodimo o tla lo itshwarela.


Mme lona lo rapele jaana lo re: “ ‘Rraetsho yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe;


Jaanong, fa lona, ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraalona yo o kwa magodimong o tla naya ba ba mo kopang tse di siameng!


Jesu a ba raya a re: “E re fa lo rapela, lo re: “ ‘Rraarona, yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe; puso ya gago a e tle; thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.


Ke fa a itharabologelwa a re: ‘Barapiwa ba ga rre ba bantsi jang, ba ba nang le dijo tse dintsi, mme nna fano ke swa ka tlala.


ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntire jaaka mongwe wa batlhanka ba gago.’


Morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, ka ba ka leofela wena; ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’


“Mokgethisi ene a emela kgakala, le matlho a se ka a rata go a tsholeletsa kwa legodimong, mme a itshwara seledu a re: ‘Modimo, intshwarele nna moleofi!’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan