Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 14:13 - Setswana 1970

13 Mme e re fa o dira moletlo, o laletse bahumanegi le digole le batlhotsi le difofu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Mme mo boemong jwa mo, o laletse bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi ere ha u riha moriho, bitsa bahumanegi, le likoa, le batlotsi, le lihohu;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Mme e re fa o dira modiro, laletsa bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 14:13
34 Iomraidhean Croise  

A ba a abela bontsi jotlhe jwa morafe wa Iseraele, banna le basadi, mongwe le mongwe senkgwana se le sengwe le kabelo ya nama le senkgwana sa maswabi a moweine se le sengwe. Jaanong morafe otlhe wa ya kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la gagwe.


Gonne Hesekia, kgosi ya Juta, o ne a ntsheditse phuthego ya Modimo dipoo di le 1 000 le difutshane di le 7 000; dikgosana tsona tsa ntshetsa phuthego ya Modimo dipoo di le 100 le difutshane di le 10 000, mme baperesiti ba iitshepisa ka bontsi.


A ba a ba raya a re: “Yaang lo je tse di mafura, lo nwe tse di botshe, lo romele ba ba sa tsholang sepe dikabelo; gonne letsatsi le le itshepetse Morena wa rona. Lo se ka lwa hutsafala. Gonne go itumela mo Moreneng ke thata ya lona.”


Ke fa batho botlhe ba ya go ja le go nwa le go romela ba bangwe dikabelo le go dira moletlo o mogolo; gonne ba ne ba tlhalogantse mafoko a ba a boleletsweng.


Ka bona tshegofatso ka yo o latlhegileng ka thabisa pelo ya motlholagadi.


Yo o gatelelang ba babotlana o kgala Mmopi wa bone, mme yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o a mo tlotla.


Yo o matlho-a-lorato o tla tshegofadiwa; gonne o nathetse ba ba tlhokang bogobe jwa gagwe.


fa o tlhomogela yo o tshwerweng ke tlala pelo; fa o kgorisa motho yo o bogisegileng: Foo lesedi la gago le tla tlhaba mo lefifing; sefifi sa gago se tla tshwana le lesedi la motshegare.


Ee! Ke go abela ba ba tshwerweng ke tlala dijo tsa gago; ke fa o isa babogisegi ba ba se nang legae mo ntlong; ke fa o apesa yo o mmonang a sa ikatega; ke fa o sa iphitlhele motho ka wena.


Foo ga tla go ene masomo a magolo a batho, ba na le batlhotsi le digole le difofu le dimumu le balwetse ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa,


Batlhanka bao ba tswela kwa ditseleng, ba phutha botlhe ba ba ba fitlhelang, ba ba bosula le ba ba molemo, ntlo ya lenyalo ya tlala ba ba ntseng fa dijong.


Bogolo ntshang tse di mo teng go atswa bahumanegi, mme tsotlhe di tla nna phepa mo go lona.


Le gona a raya ene yo o mo laleditseng a re: “E re fa o dira sefitlholo gongwe selalelo, o se ka wa laletsa ditsala tsa gago, le e seng bana ba ga rraago, le e seng ba ga eno, le e seng ba ba bapileng nao ba ba humileng, e se re gongwe le bone ba tloga ba go laletsa, mme wa boelwa.


Foo o tla nna sego, ka gonne ga ba na se ba ka go busetsang ka sona; o tla busediwa mo tsogong ya basiami.”


“Motlhanka a tla, a bolelela morena wa gagwe dilo tse. Ke fa mong wa ntlo a galefa, a raya motlhanka wa gagwe a re: ‘Akofa o tswele kwa mebileng le mebilaneng ya motse, o tsise bahumanegi le digole le difofu le batlhotsi kwano.’


Petoro a nanoga, a ya nabo. Ya re a sena go fitlha teng, ba mo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo. Mme batlholagadi botlhe ba tla ba ema fa go ene ba lela, ba mo supetsa mesese le diaparo tse Dorokase a di dirileng a sa ntse a na nabo.


Jaanong a go tle Balefi – ka ba se na kabelo gongwe boswa mo go wena – le baeng le masiela le batlholagadi ba ba mo metseng ya gago, ba je ba kgore gore Morena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago e o e dirang.


o itumele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago le moeng le lesiela le motlholagadi ba ba agileng le wena, o itumele kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang go baya leina la gagwe teng.


O itumele mo moletlong oo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi le moeng le lesiela le motlholagadi ba ba mo metseng ya gago.


Mme jaanong modisa wa phuthego o tshwanetse a bo a se na molato, e le monna wa mosadi a le mongwe fela, a le tekano, a na le tlhaloganyo, a na le mekgwa e mentle, a tshola baeng, a nonofile mo go ruteng;


a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo.


mme e le yo o tsholang baeng, yo o ratang se se molemo, yo o itsholang sentle, yo o thokgameng, yo o boitshepo, yo o tekano,


Gonne ke ne ka nna le boitumelo jo bogolo le kgomotso ka ntlha ya lorato lwa gago; ka gonne dipelo tsa baitshepi di tsitsibositswe ke wena, morwa-Rra.


Se lebaleng go tshola baeng; gonne ka go dira jalo bangwe ba kile ba tshola baengele, ba sa itse.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan