Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 14:10 - Setswana 1970

10 E re fa o laleditswe, o ye o nne mo bonnong jo bo kwa moragorago, gore e tle e re yo o go laleditseng a tla, e nne ene yo o ka go rayang a re: ‘Tsala, nnela kwa pele!’ Ke gona o tla nnang le tlotlo fa pele ga botlhe ba ba ntseng nao fa dijong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 “Jaanong dira se mo boemong jwa seo, simolola kwa morago; mme fa yo o go laleditseng a go bona, o tlaa tla a go raya a re, ‘Tsala, re go bonetse bonno jo bo botoka go na le jo! Hong o tlaa tlotlega fa pele ga balalediwa ba bangwe botlhe!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi ere ha u biricoe, u ee, u lule mo seruloñ se se kua morago bogolu, gore ere eo o gu biritseñ a tla, a gu ree, Tsala, lulela gorimo; eriha gona u tla rihanañ le tlotlo ha pele ga ba ba rutseñ nau ha liyoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Mme e re fa o laleditswe, o ye o tseye setulo se se kwa moragorago, gore e tle e re yo o go laleditseng a tla, a go reye a re: ‘Tsala, dulela kwa pele;’ foo o tlaa dirana le tlotlo fa pele ga ba ba dutseng ba a ja nao.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 14:10
5 Iomraidhean Croise  

Go boifa Morena ke yona thuto ya botlhale; boikokobetso bo etelela tlotlego pele.


Bomorwa bagateledi ba gago ba tla tla, ba go ikobela; botlhe ba ba go kgobileng ba tla go khubamela fa patong tsa dinao tsa gago, ba go bitsa ‘Motse wa Morena’ le ‘Sione wa Moitshepi wa Iseraele’.


Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile.


Samuele a re: “A ga ke re, o tlhogo ya ditso tsa Iseraele le fa o ikaya yo mmotlana. Kana Morena o go tloditse gore o nne kgosi ya Iseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan