Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 14:1 - Setswana 1970

1 E rile a tsena mo ntlong ya molaodi mongwe wa Bafarisai ka Sabata go ja senkgwe, bone ba bo ba mo disitse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1-2 Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala, ka a tsena mo tluñ ea molaori moñue oa Bafarisai ka sabata go ya señkhue, ba mo elatloko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga dirala e rile go le letsatsi la Sabata, a tsena mo ntlong ya Mofarisai mongwe wa mogolwane, a ya go ja senkgwe, mme ba bo ba mo lepile.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 14:1
19 Iomraidhean Croise  

Moikepi o laletse mosiami, o batla go mmolaya.


Baba ba me ba bua bosula ka ga me ba re: “O tla swa leng, leina la gagwe la nyelela?”


Lo tla kgwelogela motho goleele go le kae, lo rata go mmolaya lotlhe, etswe a tshwana le lobota lo lo sekameng le lorako lo lo batlileng go wa?


Gonne o ntse jaaka a akanya mo pelong. Ka molomo o go raya a re: “Jaa, o nwe!” mme pelo ya gagwe yona ga e ree jalo.


Mme kana motho o gaisa nku thata jang ne! Ke ka moo go letleletsweng go dira se se molemo ka Sabata.”


Ba mo lepa gore a o tla mo fodisa ka Sabata, gore ba tle ba mmee molato.


Ya re a sena go bua, Mofarisai mongwe a mo kopa gore a fitlhole nae. A tsena, a nna fa dijong.


Mme ga bo go le motho mongwe fa pele ga gagwe yo o nang le bolwetse jwa metsi.


E rile a bodiwa ke Bafarisai gore puso ya Modimo e tla tla leng, a ba araba a re: “Puso ya Modimo ga e tle mo e ka lejwang ka matlho;


Jaanong ba mo lepa, ba roma balaledi ba ba itimokanyang ka go ipaya basiami, gore ba mo tshware mo lefokong lengwe, ba be ba mo neele mmuso, e bong mo thateng ya molaodi.


Baitsedikwalo le Bafarisai ba mo lepa gore a o tla fodisa ka Sabata, e le gore ba bone ka fa ba ka mmayang molato ka teng,


Go ne go le motho wa Bafarisai yo o bidiwang Nikotemo, mongwe wa lekgotla la Bajuta.


Jaanong ga ema mongwe mo lekgotleng le legolo, e le Mofarisai yo leina la gagwe e leng Gamaliele, moruta-molao yo o tlotliwang ke batho botlhe, a laela gore baapostolo ba name ba sa ntshediwe kwa ntle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan