Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:8 - Setswana 1970

8 Ene a mo araba a re: ‘Morena, o o lese le ka ngwaga ono, ke tle ke o o lemele, ke tsenye letshotelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 “Mme motlhokomedi wa tshimo a araba a re, ‘Se neye lobaka lo longwe gape. Se lese ngwaga e le nngwe, ke tlaa se tlhokomela ka go se tshela monontshane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi ka a araba, a mo raea, Morena, u se lese, le ka ñuaga onu, ki tle ki se lemele, ki se putonose ki se tsenye lecutelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 A mo fetola a re: ‘Morena, a ko o se lese le ka ngwaga ono, ke tle ke se lemele, ke se tsenye motshotelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:8
17 Iomraidhean Croise  

Ke fa o re, o tla ba nyeletsa. Mme go ka bo go dirafetse jalo, fa Moše, moitlhaolelwi wa ona, a ka bo a se ka a ba emela fa pele ga ona, a tima bogale jwa ona gore o se ka wa ba senya.


a re: “Fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, Morena, a Morena a ke a ye le rona – gonne ke morafe wa dithamo tse di gagametseng – mme o re itshwarele molato wa rona le boleo jwa rona, o re tshole, re nne ba gago.”


Mme Morena a nthaya a re: “Le fa Moše le Samuele ba ka ema fa pele ga me, ga ke na sepe le morafe o. Ba leleke fa pele ga me! A ba tsamae!


A tse di molemo di na le go lefelwa ka tse di bosula? Gonne ba epetse bophelo jwa me gopo. Gopola gore ke eme fa pele ga gago gore ke bue tse di molemo ka ga bone, gore ke fapose bogale jwa gago mo go bone.


A baperesiti, badiredi ba Morena, ba lele fa gare ga mathudi le aletare! A ba rapele ba re: “Morena, rekegela morafe wa gago! O se ka wa tlhabisa boswa jwa gago ditlhong gore ditšhaba di se ka tsa bo opela dipina tsa tshotlo! Kana ba tla bo ba buelang mo merafeng ba re: ‘Modimo wa bona o kae?’ ”


A raya molemi wa tshimo a re: ‘Bona, ke dinyaga tse tharo, ke ntse ke tla ke batla maungo mo mofeieng o, mme ke a tlhoka. O reme! O jelang lefatshe fela?’


Motlhaope o tla ungwa isago; fa go sa nne jalo, o ka o rema.’ ”


Ga le na tiro, le fa e le tshimong, le fa e le mo thotobolong; mme ba le latlhela kwa ntle. Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!”


Ba ga etsho, keletso ya pelo ya me le thapelo ya me mo Modimong ka ntlha ya bone ke ya gore ba bone pholoso;


e tle e re gongwe ke tsose lefufa mo go bone ba e leng ba morafe wa ga etsho, ke pholose bangwe ba bone.


Morena ga a diegise polelelopele, jaaka bangwe ba kaya e le tiego; mme o pelotelele le lona, ka a sa rate gore bangwe ba latlhege, mme o rata gore botlhe ba sokologe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan