Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:4 - Setswana 1970

4 Gongwe ba ba 18 ba turio e ba wetseng kwa Siloame, ya ba bolaya, a lo itlhoma gore ba ne ba le molato go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 “Mme lwa reng kaga batho ba ba lesome le bofera-bobedi ba ba neng ba a swa fa kago e e godileng ya Siloama e ba wela. A e ne e le baleofi ba bagolo mo Jerusalema?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Khotsa ba eiten, ba turio e ba oetseñ, ea ba bolaea mo Siloame, a lo itloma ha ba e le le ba ba molatu bogolu mo bathuñ botle ba ba agañ mo Yerusalema?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Kgotsa ba ba 18 bale, ba kago e e godileng e ba wetseng, ya ba bolaya mo Siloame, a lo itlhoma gore e ne e le baleofi go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:4
13 Iomraidhean Croise  

Ba ba setseng ba tshabela kwa Afeke kwa motseng, mme lobota lwa wela banna ba le 27 000 ba ba setseng. Le Benehatate a tshaba, a tsena mo motseng, a tsena ntlo le ntlwana.


Kgoro ya Motswedi ya baakanngwa ke Sadume, morwa Kolehose molaodi wa naga ya Mitsepha; a e aga, a e rulela, a tsenya ditswalo tsa yona le dikgogetso tsa yona le mephakarego ya yona; a ba a baakanya lobota lwa letsha la go isa metsi kwa tshimong ya kgosi le go fitlha kwa mapalamong a a fologang kwa motseng wa ga Dafita.


ke fa go tla ledimo le legolo le tswa kwa sekakeng, le itaya dikhutlo tse nne tsa ntlo; ya wela bana bao, ba be ba a swa. Ke nna ke le nosi fela ke falotseng gore ke go itsise jalo.”


“E re ka morafe o, o nyatsa metsi a Šiloa a a elang a iketlile, o boifa Resine le morwa Remalea,


Ya re e simolola go tlhatlhoba, ga tsisiwa mongwe yo o mosuga nayo ditalente di le dikete tse some.


O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona.


O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona. O se re gogele mo thaelong; mme o re golole mo bosuleng.’ ”


Ke lo raya ke re: Nnyaya; mme fa lo sa sokologe, le lona lo tla nyelela jalo lotlhe.


Ke lo raya ke re: Nnyaya; mme fa lo sa sokologe, le lona lo tla nyelela fela jalo lotlhe.”


A araba a re: “Motho yo o bidiwang Jesu o dubile seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: ‘Yaa kwa bodibeng jwa Siloame, o tlhape.’ Jaanong ka ya, mme ya re ke tlhapa, ka foufologa.”


a se raya a re: “Yaa o tlhape mo bodibeng jwa Siloame!” (Mo phetolelong ke go re: Morongwa). A ya, a tlhapa, a boa a bona.


Fa batho ba teng ba bona noga e lepeletse mo seatleng sa gagwe, ba raana ba re: “Ruri, motho yo ke mmolai; le fa a falotse lewatleng, pusoloso ga e mo leseletse go phela.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan