Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:34 - Setswana 1970

34 “Jerusalema, Jerusalema! Wena yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, jaaka koko e tle e phuthe dikokwana tsa yona fa tlase ga diphuka; mme lo ganne!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34 “Jerusalema wee! Jerusalema! Motse o o bolayang baporofiti. Motse o o kgobotletsang ka maje ba ba rometsweng go o thusa. Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago jaaka koko e e sireletsang dikokwana tsa yone ka fa diphukeng, mme ga o aka wa ntetla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Yerusalema, Yerusalema, uena eo o bolaeañ baperofeti, mi u khobotletse ba ba romiloeñ go uena; ki le ka rata ga kai go phuthela bana ba gago mogo, yaka koku e phuthela mamphoroana a eona mo phukeñ tsa eona, mi u ganne.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 “Jerusalema we! Jerusalema we! Wena yo o bolayang baperofeti, o kgobotletsa ka maje ba ba rongwang kwa go wena; ke ka bo ke phuthile bana ba gago mmogo gantsi jang, jaaka koko e tle e phuthele mamphorwana a yone mo diphukeng tsa yone, mme lo ganne.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:34
46 Iomraidhean Croise  

“Mme ba go ganetsa, ba go tlogela, ba latlha molao wa gago, ba o hularela, ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa go ba tlhabololela kwa go wena; ba dira tsa dikgalo tse dikgolo.


Mme o ne o sa ba felele pelo dinyaga di le dintsi, wa nna wa ba tlhagisa ka Mowa wa gago ka baporofeti ba gago, mme ba se ke ba sekega tsebe. Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa merafe ya mafatshe.


A Iseraele a itumelele Modiri wa gagwe; a bana ba Sione ba dudueletse kgosi ya bona!


Mpoloke jaaka thaka ya leitlho, o mphemele mo moriting wa diphuka tsa gago,


Tshiamo ya gago e ntse jaaka dithaba tsa Modimo; dikatlholo tsa gago ke boteng jo bogolo jwa metsi. Morena, o thusa batho le diphedi.


Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, jale fa a tshaba Saule, a tshabela kwa logageng.


Ke fa ke ba naya tsela ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bona; ba itsamaela ka fa maitaolong a bona.


O tla go sireletsa ka diphuka tsa gagwe, ò femelega fa tlase ga tsona; boammaaruri jwa gagwe ke thebe le phemelo.


Gonne Morena Modimo, Moitshepi wa Iseraele, o buile jaana a re: “Fa lo ka tlhabologa le go iketla, lo tla pholosiwa; fa lo ka didimala le go ikanya, lo tla nna thata.” Mme lo ganne,


“Ke ka ntlhaang, fa ke tlile, ke sa fitlhele ope; ka bitsa, mme go se na yo o arabang? A ruri letsogo la me le khutshwafetse, mo le sa itseng go rekolola? Gongwe a ke tlhoka thata ya go ka pholosa? Bonang, ke kgadisa lewatle ka kgalemelo ya me, ke fetola dinoka sekaka; ditlhapi tsa tsona di be di nkge, ka di se na metsi, di swe ka lenyora.


“Bana ba lona ke ba iteetse lefelafela. Ga ba a amogela kgalemelo. Tšhaka ya lona e nyeleditse baporofeti ba lona jaaka tau e e gagolang.


Bao ba tshwara Uria, ba mo ntsha kwa Egepeto, ba mo tlisa kwano go kgosi Joyakime; ene a mmolaya ka tšhaka, a latlhela setoto sa gagwe kwa mabitleng a ba e leng batho fela.


‘Mafoko a ga Jonatabe, morwa Regabe, a o a laetseng bomorwawe gore ba se ka ba nwa weine, a a tshegediwa; ga ba ise ba nwe weine go fitlha letsatsing la kajeno. Gonne ba utlwa taolo ya ga rraabo. Mme nna ke buile le lona ka tlhoafalo, mme ga lo a ka lwa nkutlwa.


Jalo ge, Morena, Modimo wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla tlisetsa Juta le baagi ba Jerusalema dikotlo tsotlhe tse ke ba bopetseng ka tsona. Gonne ke buile le bone, mme ga ba a ka ba utlwa; ka ba bitsa, ba se ka ba araba.’ ”


Morena o buile jaana a re: “Emang fa ditseleng, lo bone, lo botsolotse ditsela tsa bogologolo gore tsela ya go pholosiwa ke efe? Tsamayang mo go yona, foo lo tla bonela mewa ya lona boikhutso.” Mme ba re: “Ga re rate go tsamaya mo go yona.”


“Ke tsona tse ke di lelelang; leitlho la me, leitlho la me le ela dikeledi. Gonne mogomotsi o kgakala le nna, yo o ka ntapolosang. Go nyeleditswe bana ba me, gonne thata ke ya mmaba.”


Mme ba tsenye ka ntlha ya dibe tsa baporofeti ba gagwe le ka ntlha ya maleo a baperesiti ba gagwe, ba ba neng ba tsholola madi a basiami teng.


E re fa ke ba bitsa, ba ntlogele, ba ye go tlhabela boBaale ditlhabelo, ba tshubele ditshwantsho tsa medimo maswalo.


Morafe wa me o ganelela go ikepa mo go nna. Le fa ba bilediwa kwa godimo, ga go na ope yo o itsosang.


“Le lona, bana ba Sione, duduetsang lo itumele mo Moreneng, Modimo wa lona; gonne o tla lo naya moruti yo o lo rutang tshiamo; a lo nesetsa pula, pula ya ntlha le ya kgogolamoko jaaka mo metlheng ya pele.


‘Se tshwaneng le borraeno ba baporofeti ba pele ba neng ba ba rerela ba re: Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boang tlhe mo ditseleng tsa lona tse di bosula le mo ditirong tsa lona tse di bosula, mme ga ba a ka ba utlwa, ga ba a ka ba ntheetsa,’ go bua Morena.


Ya roma batlhanka ba yona go bitsa ba ba laleleditsweng moletlo wa lenyalo; mme ba gana go tla.


Ba ba setseng ba tshwara batlhanka ba yona, ba ba diraka mo go maswe, ba ba bolaya.


“Ke fa a galefa, a gana go tsena. Foo rraagwe a tswa, a mo rapela.


Ba tla go gatakelela fa fatshe le bana ba gago ba ba mo teng ga gago, mme ga ba nke ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka o se ka wa lemoga nako e Modimo o go etetseng ka yona.”


Foo Jesu a retologela kwa go bone a re: “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, bogolo lo itelele, lo be lo lelele bana ba lona;


Ke ofe wa baporofeti yo borraeno ba se kang ba mmogisa? Mme ba bolaile ba ba boleletseng pele ka ga go tla ga Mosiami; jaanong lo mo tshwarisitse, lwa mmolaya,


Ba kgobotletsa Setefane ka majwe, a ntse a rapela a re: “Morena Jesu, amogela mowa wa me!”


Saule le ene a kgatlhwa ke polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo pogiso e kgolo ya tsogela phuthego e e mo Jerusalema, mme botlhe ba falalediwa kwa dinageng tsa Jutea le Samaria, fa e se baapostolo.


Fa ba ka bo ba tlhalefile, ba ka bo ba tlhaloganya tseo, ba lemoga ka fa ba tla felang ka teng.


E kete ba ka bo ba ntse ba na le dipelo tse di ntseng jalo gore ba mpoife, ba tlhokomele ditaolo tsa me tsotlhe ka metlha yotlhe gore ba tle ba tshele sentle le bana ba bone ka bosakhutleng.


Direpa tsa bone di tla namalala mo mmileng wa motse o mogolo o o bidiwang Sotoma le Egepeto, fa go buiwa ka ga tsa Mowa, kwa Morena wa bone le ene o bapoletsweng teng.


A Morena, a go duelele tiro ya gago; tuelo e e tletseng o e fiwe ke Morena, Modimo wa Iseraele, yo ò tlileng go batla botshabelo fa tlase ga diphuka tsa gagwe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan