Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:29 - Setswana 1970

29 Mme ba tla tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa, ba nna fa dijong mo pusong ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

29 gonne batho ba tlaa tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go tla go tsaya manno a bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

29 Mi ba tla coa kua Isete, le kua Ueseta, le kua Noreda le kua Southa, mi ba tla lula mo bogosiñ yoa Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

29 Mme ba tlaa tswa kwa botlhabatsatsi, le kwa bophirimatsatsi, le kwa botsheka le kwa borwa, mme ba tlaa dula mo bogosing jwa Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:29
14 Iomraidhean Croise  

Losika lwa gago lo tla nna jaaka lerole la lefatshe; o tla anamela kwa bophirimatsatsi le kwa botlhabatsatsi le kwa bokone le kwa borwa. Ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena le ka losika lwa gago.


Ke tla raya bokone ke re: ‘Rebola!’ le borwa ke re: ‘Se thibele!’ Tlisa bomorwaake go tswa kgakala le bomorwadiake go tswa bokhutlong jwa lefatshe,


a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Gonne go tswa kwa botlhabong jwa letsatsi go fitlha kwa bophirimong jwa lone, leina la me le legolo mo ditšhabeng; mo felong gongwe le gongwe maswalo a fisediwa leina la me le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo ditšhabeng,” go bua Morena wa masomosomo.


Ke bile ke lo raya ke re: Ba bantsi ba tla tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, ba nna fa tafoleng le Aborahame le Isaka le Jakobe mo pusong ya magodimo;


Foo o tla roma baengele ba gagwe, a phutha batlhaolwi ba gagwe kwa ntlheng tse nne, go tswa sekhutlong sa lefatshe go ya sekhutlong sa legodimo.


Mme itseng, go na le ba morago ba ba tla nnang ba pele, e bile go na le ba pele ba ba tla nnang ba morago.”


“Ka moo he, itseng gore pholoso e ya Modimo e rometswe kwa baheitaneng; e bile bona ba tla utlwa.”


fa tota lo ka nna mo tumelong, lo theilwe, lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Efangele e lo e utlwileng, e e reretsweng lobopo lotlhe lo lo fa tlase ga letsatsi, e nna Paulo ke dirilweng modiredi wa yona.


le le tsileng go lona, fela jaaka le tsile mo lefatsheng lotlhe, le ungwa le gola jaaka le dirile le mo go lona go tloga ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa lemoga bopelotlhomogi jwa Modimo ka nnete,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan