Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:27 - Setswana 1970

27 Mme o tla re: ‘Ke lo reile ka re: Ga ke itse kwa lo tswang teng; tlogang fa go nna lotlhe, badiri ba tshiamololo ke lona!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

27 “Mme o tlaa fetola a re, ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse. Ga lo ka ke lwa tla fa lo le molato jaana. Tsamayang.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

27 Mi o tla re, kia lo raea, Ga ki lo itse kua lo coañ gona; ’ntlogelañ, barihalibe ki lona lotle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

27 Mme ene o tlaa re: ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse kwa lo tswang teng; ntlogelang lona lotlhe badiri ba tshiamololo.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:27
15 Iomraidhean Croise  

Gonne Morena o itse tsela ya basiami, mme tsela ya baikepi e isa tshenyegong.


Mo mosong mongwe le mongwe ke tla nyeletsa baikepi botlhe mo lefatsheng; mo motseng wa Morena ke bolaela ruri badiradibe botlhe.


Tlogang fa go nna, basulafatsi ke lona, gore ke tlhokomele ditaelo tsa Modimo wa me.


Mme ba ba fapogelang mo ditseleng tse di kgopo tsa bona, Morena o tla ba lesa go ya tatlhegong mmogo le ba ba dirang boikepo. A kagiso e nne le Iseraele!


Se nkgogoreletse le badiradibe le basiamolodi ba ba buang kagiso le bangwe-ka-bona, etswe bosula bo le mo dipelong tsa bona.


Baikgantshi ga ba kitla ba ema fa pele ga matlho a gago; o tlhoile botlhe ba ba dirang tshiamololo.


Leitlho la me le fifaditswe ke bohutsana, le onetse ka ntlha ya baganetsi botlhe ba me.


Le fa ba ka godisa bana ba bona, ke tla ba ba amoga gore batho ba tlhokafale. Le bone a tatlhego ya bona wee, fa ke ba tlogela!”


Ene a araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga ke lo itse.’


“Jaanong e tla raya ba ba ka fa letsogong la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsiwa ke lona, lo ye kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe!


E tla re mong wa ntlo a sena go nanoga, a tswala mojako, lo simolole go ema ka fa ntle, lo konyakonya lobati lo re: ‘Morena, re bulele!’ a lo arabe a re: ‘Ga ke lo itse, le kwa lo tswang teng.’


Mme fa mongwe a rata Modimo, yoo o itsilwe ke ona.


mme jaanong, ka lo itse Modimo, ee, bogolo ka lo itsilwe ke Modimo, lo boelelang gape kwa dithateng tsa tlhago tse di bokoa tse di se nang molemo, tse lo ratang go di direla sešwa gape?


Le fa go ntse jalo motheo o o tlhomameng wa Modimo o eme, o na le sekano se se reng: “Morena o itse ba e leng ba gagwe;” le se se reng: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la Morena a tlogele tshiamololo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan