Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:15 - Setswana 1970

15 Morena a mo araba a re: “Baitimokanyi ke lona! Mongwe le mongwe wa lona a ga a ke a golola kgomo ya gagwe gongwe esele fa segopong ka Sabata, a ya go e nosa?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Mme Morena a mo fetola a re, “Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi Morena a araba, a re, Moitimokanyi ki uena, a le moñue le moñue oa lona, a ga a ka a golola khomu eabo, le esela eabo mo boyeloñ, a e gogela go e nosa ka tsatsi ya sabata?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Mme Morena a mo fetola a re: “Baitimokanyi ke lona, a le mongwe le mongwe wa lona a e a re go le letsatsi la Sabata a golole kgomo ya gagwe le esela ya gagwe mo ntlong ya yone, a e goge a ye go e nosa?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:15
16 Iomraidhean Croise  

gore go se ka ga busa motho yo o pelompe yo o isang morafe mo tatlhegong.


Yo o pelompe o senya mongwe-ka-ene ka molomo, mme basiami ba pholosiwa ka kitso.


Gonne ga go tlhole go le morena yo o pelompe; mosotli o nyeletse; botlhe ba ba logang maano a boikepo ba bolailwe,


Ba leseng; ke difofu tse di gogang difofu. Mme fa sefofu se goga sefofu, di tla wela mmogo mo kgatamping.”


Baikaketsi ke lona! Jesaya o boleletse pele sentle ka ga lona a re:


“Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tswalela batho puso ya magodimo. Tota lona ga lo tsene, mme ba ba reng ba a tsena, ga lo ba letlelele go tsena.


Le lona lo ntse jalo; ka fa ntle lo bonala mo bathong jaaka basiami, mme ka mo teng lo tletse boitimokanyo le boikepo.


Moitimokanyi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele; ke gona ò tla bonang sentle go ntsha phatsana mo leitlhong la morwa-rraago.


E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo.


A ba a ba botsa a re: “Ke ofe wa lona, yo esele gongwe kgomo ya gagwe e ka reng e wetse mo sedibeng, a se ka a akofa a e ntsha ka letsatsi la Sabata?”


Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena.


Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”


Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan