Luke 13:14 - Setswana 197014 Ke fa molaodi wa senagoge a gakatsega, ka Jesu a fodisitse ka Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a go tshwanetseng ga dirwa ka ona; tlaang lo fodisiwe ka ona, e seng ka letsatsi la Sabata.” Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha14 Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)14 Mi molaori oa senagoge, a bua ka bogale, gone Yesu a horisa ka tsatsi ya sabata; mi a raea bontsi, Go le malatsi a sekes, a bathu ba cuanetseñ go riha ka aona; ki gona, tlañ lo horisioe ka aona, mi esiñ ka tsatsi ya sabata. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo14 Molaodi wa ntlo ya thuto ka a gakaditswe ke Jesu, ka a fodisitse ka letsatsi la Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a batho ba tshwanetseng go dira ka one; ke gone tlang lo fodisiwe ka one, e seng ka letsatsi la Sabata.” Faic an caibideil |