Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:9 - Setswana 1970

9 Mme yo o intatolang fa pele ga batho, o tla itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Mme ba ba intatolang mo gare ga batho ke tlaa ba itatola fa pele ga baengele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi eo o ’ntatolañ ha pele ga bathu, eo, o tla latoloa ha pele ga baengele ba Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:9
15 Iomraidhean Croise  

Mme yo o tla intatolang fa pele ga batho, le nna ke tla mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa magodimong.


Ene a araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga ke lo itse.’


“E tla re Morwa-Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, baengele botlhe ba ba boitshepo ba na nae, a nne mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe.


“Jaanong e tla raya ba ba ka fa letsogong la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsiwa ke lona, lo ye kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe!


Foo ke tla ba raya ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse; tlogang fa go nna, lona badiratshiamololo!’


Gonne mongwe le mongwe yo o tlhajwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me mo losikeng loo lwa boikepo le boleo, Morwa-Motho le ene o tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe, mogang a tlang ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.”


Ke lo raya ke re: Go boitumelo jalo mo baengeleng ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe yo o sokologang.”


Mme a mo itatola a re: “Mosadi, ga ke mo itse.”


Gonne yo o tlhajwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me, le Morwa-Motho o tla tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe, motlhang a tlang ka kgalalelo ya gagwe le ya ga Rraagwe le ya baengele ba ba boitshepo.


Fa re itshoka, re tla busa nae; fa re mo itatola, le ene o tla re itatola.


Mongwe le mongwe yo o itatolang Morwa, le Rara ga a na nae; yo o ipolelang Morwa, le Rara o na nae.


Mme jaanong, banaka, nnang mo go ene gore e re fa a bonatsega, re nne le phuthologo, mme re se ka ra tlhajwa ke ditlhong fa pele ga gagwe, mogang a tlang.


“ ‘Ke itse ditiro tsa gago; bona, ke go neile lobati lo lo bulegileng fa pele ga gago, lo lo sa ka keng lwa tswalwa ke ope; ka gonne o na le thata e nnye, mme o tshegeditse lefoko la ka; wa se ka wa itatola leina la ka.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan