Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:47 - Setswana 1970

47 “Motlhanka yo o itsileng thato ya morena wa gagwe, mme a se ka a baakanya sepe, le fa e le go dira ka fa thatong ya gagwe, o tla bediwa thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

47 O tlaa otlhaiwa mo go botlhoko, gonne le fa a ne a itse tiro ya gagwe o ganne go e dira.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

47 Mi motlañka eo o itsileñ go rata ga morena oa gague, mi a sa iketletse, le esiñ go riha yaka thato ea gague, o tla berioa ka lipeco lintsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

47 “Mme motlhanka yo o itsileng go rata ga morena wa gagwe, mme a se ka a ipaakanya, le fa e le go dira ka fa go rateng ga gagwe, o tlaa bediwa dithupa di le dintsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:47
14 Iomraidhean Croise  

Bolayang banna bagolo le makau le makgarebe le bana le basadi, lo ba bolaele ruri. Mme lo se ka lwa atamela ope yo o nang le letshwao. Simololang mo Felong-ga-Boitshepo ga me.” Mme ba simolola ka banna ba bagolo ba ba fa pele ga Ntlo.


Ke fa Petoro a mo raya a re: “Morena, setshwantsho se a o se bolelela rona fela, gongwe botlhe?”


morena wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le o sa mo lebelelang ka lone, le ka nako e o sa e itseng, mme o tla mo gagoganya, a mo naya kabelo ya gagwe le ba ba sa ikanyegeng.


Yo o nnyatsang, a sa amogele mafoko a me, o na le se se tla mo atlholang: Lefoko le ke le buileng ke lone le le tla mo atlholang ka letsatsi la bofelo.


Jesu a araba a re: “O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ka bo o sa e newa e tswa kwa godimo; ka moo, yo o go nneetseng o na le boleo jo bogolo bogolo.”


Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo le difofu, lo ka bo lo se na boleo; jaanong ka lo re: ‘Lo a bona!’ boleo jwa lona ga bo tloge.


“Fa e le metlha ya botlhoka-kitso, Modimo o e tlhokomologile, mme jaanong o laela batho botlhe mo ntlheng tsotlhe go tlhabologa;


Jaanong yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, o a leofa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan