Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:42 - Setswana 1970

42 Morena a re: “Kana molebeledi yo o ikanyegang, yo o botlhale ke mang, yo morena wa gagwe o tla mo laodisang badiredi ba gagwe gore a ba abele dijo ka nako tsa teng?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

42-44 Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

42 Mi Morena a re, Motlameri‐ntlu eo o ikancoeñ, eo botlale ki ohe, eo morena o tla mo laorisañ batlañka ba gague, go ba naea kabelo ea seyo ka motla oa shona o o siameñ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

42 Morena a re: “Molebalebi yo o ikanyegang, yo o botlhale, e be e le mang, yo morena wa gagwe o tlaa mo laodisang ba ntlo ya gagwe, gore a ba abele dijo mo lobakeng lo e leng lone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:42
29 Iomraidhean Croise  

Ke fa batlhalefi botlhe ba ba dirang tiro yotlhe ya Ntlo e e Boitshepo ba tla, mongwe le mongwe a tswa kwa tirong e a e tshwereng,


Monna o bokwa go lekana le kitso ya gagwe, mme yo o pelo e kgopo o tla nyatsega.


Monna o itumelela karabo ya molomo wa gagwe; lefoko le le buiwang ka nako e e le lebanyeng le molemo jang!


Yo o tlhokomelang setlhare sa feie o tla ja maungo a sona; yo o direlang morena wa gagwe o tla tlotlwa.


O a tle a tsoge e sa le bosigo, a fe ba lapa la gagwe dijo, a laela malata a gagwe tiro ya letsatsi.


Morena Modimo o mphile loleme lwa yo o rutegileng gore ke itse go lapolosa yo o lapileng ka mafoko; o ntsosa mo mosong mongwe le mongwe, o nthibolola tsebe gore ke utlwe jaaka barutwa.


Le gona ke tla di beela badisa ba ba di fudisang, mo di sa tlholeng di boifa le e seng go rerega le e seng go tlhokafala.” Morena o buile jalo.


Lo ja mašwi, lo apara boboa, lo tlhaba tse di nonneng, mme letsomane ga lo le fudise.


A ba raya a re: “Ka moo moitsedikwalo mongwe le mongwe yo o rutilweng tsa puso ya magodimo o tshwana le mong wa ntlo yo o ntshang tse dintšhwa le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”


“Ya re go le maitsiboa, morena wa tshimo ya moweine a raya motlameledi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba amogedise dituelo tsa bone, o simolole ka ba morago, o fetse ka ba ntlha.’


Go sego motlhanka yoo, yo e tla reng morena wa gagwe a tla, a mo fitlhele a dira jalo.


Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”


Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?”


Lo itise, lo be lo dise letsomane lotlhe le Mowa o o Boitshepo o lo beileng go nna baokamedi ba lone, gore lo fudise phuthego ya Modimo e o e itheketseng ka madi a ona.


gore e re fa nka diega, o be o itse ka fa go tshwanetseng ga dirwa ka teng mo ntlong ya Modimo e e leng phuthego ya Modimo o o tshelang, le pinagare le motheo wa boammaaruri.


Bagolo ba phuthego ba ba tshwereng tiro sentle a ba kaiwe ba tshwanetswe ke tlotlo e e menaganyeng, bogolo bone ba ba dirang ka lefoko le ka thuto;


Rera Lefoko o nne yo o ipaakantseng ka nako e e leng yona le e e seng yona; supa molato, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka thuto;


gonne mookamedi o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, e le yo o tlhokomelang tsa Modimo, e se yo o ikgantshang, e se yo o gakalang fela, e se letagwa, e se morumodi, a sa batle khumo e mpe,


Utlwang baruti ba lona, lo ba ikokobeletse; gonne ba disitse mewa ya lona, e le ba ba tla ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka phegelo; gonne mo go ka bo go se molemo mo go lona.


Gopolang baruti ba lona ba ba lo boleletseng Lefoko la Modimo, elang bokhutlo jwa tsamao ya bone tlhoko, lo etse tumelo ya bone.


Le gale Moše o ne a le boikanyo mo ntlong yotlhe ya ona jaaka modiredi, gore a supe ka ga dilo tse di tla bolelwang,


Direlanang, mongwe le mongwe ka fa neong e o e amogetseng, lo nne badirisi ba ba molemo ba methale ya bopelontle jwa Modimo:


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan