Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:4 - Setswana 1970

4 “Mme lona ditsala tsa me, ke lo raya ke re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme morago ba se na sepe se ba ka se dirang bogolo go moo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 “Ditsala tse di rategang, lo se ka lwa boifa ba, ba ba batlang go lo bolaya. Ka gore ba ka bolaya mmele fela mme ga ba na nonofo mo meweng ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi kia lo raea, litsala tsa me. Si boiheñ ba ba bolaeañ mele, mi morago ga mouo, ga ba na se ba ka se rihañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 “Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:4
20 Iomraidhean Croise  

Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyang Morena o tla femelwa.


Ke tsile mo tshimong ya me, kgaitsadiaka, monyalwa. Ke kgetla mera ya me le makga a a monate a me. Ke ja lomepe lwa me le dinotshe tsa me; ke nwa weine ya me le mašwi a me. Lona ba ga etsho, jaang, lo nwe; ditsala tsa me, kgorang!


Mafoko a gagwe a monatenate. Ruri, o montlentle gotlhe. Morati wa me ke yo o ntseng jalo; ke ene tsala ya me, lona bomorwadia Jerusalema.


“Mme wena Iseraele, motlhanka wa me; wena Jakobe, yo ke go itlhaoletseng; losika lwa ga Aborahame, tsala ya me;


Mme wena, itlame letheka, o ipaakanye, o ba bolelele tsotlhe tse ke di go laelang. O se ka wa ba boifa, gore ke se ka ka go boifisa fa pele ga bone.


O se ka wa ba boifa, gonne ke na nao gore ke go pholose,” go bua Morena.


e le go tshaba Bakalatea, gonne ba ba boifa, ka Isemaele, morwa Nethanya, a bolaile Ketalea, morwa Ahikame, yo kgosi ya Babele e mo laodisitseng lefatshe.


“Wena morwa-motho, se ba boife, se tshabe dipuo tsa bone, le fa ba go tlhaba jaaka ditshetlho le mitlwa, le fa o nna mo gare ga diphepheng; se boife mafoko a bone, se tshoge fa pele ga bone, gonne bone ke losika lwa baitaodi.


Le gona, lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; mme bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng wa molelo.


Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo lwa gore motho a ntshetse ditsala tsa gagwe bophelo jwa gagwe.


Mme ga ke re sepe ka tsona, le bophelo jwa me ga ke bo kaye se segolo, fa nka swetsa fela tshiano ya me ka boitumelo, e bong tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu ya go supa Efangele ya bopelotlhomogi jwa Modimo.


Ya re ba bona bopelokgale jwa ga Petoro le Johane, mme ba lemoga gore ga ba a rutega, ke batho fela, ba gakgamala, ba bile ba itse sentle gore ba ne ba ntse ba na le Jesu.


lo sa tshosiwe ke baganetsi mo go sepe ba kganetso ya bone e leng sesupo sa go latlhega ga bone, mme mo go lona e le sa go phologa, mme e le ka Modimo.


Mme Lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “Aborahame o ne a dumela Modimo, mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe,” a ba a bidiwa tsala ya Modimo.


Mme le fa lo ka boga ka ntlha ya tshiamo, lo sego. Lo se ka lwa ba boifa ka gope le e seng go tshoga.


O se ka wa boifa tse o tla di bogang. Bona, Diabolo o tla latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe; lo tla nna le pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanyo go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan