Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:21 - Setswana 1970

21 “Yo o iphuthelang matlotlo, mme a sa huma ka fa Modimong, o ntse jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 Ee, mongwe le mongwe ke seeleele yo o amogelang dikhumo mo lefatsheng e seng kwa legodimong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Gontse yalo le ena eo o iphuthelañ lohumo, a sa hume mo Morimoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 “Le ene yo o ikhumelang fela a sa humele Modimo, o ntse fela jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:21
14 Iomraidhean Croise  

Go na le yo o ipayang mohumi, le fa a se na sepe, le yo o ipayang mohumanegi, le fa a na le leruo le legolo.


Iseraele e ne e le setlhare sa moweine sa dikala tse di phuthologileng se se nang le maungo. Ya re maungo a gagwe a ntsifala, a ntsifatsa dialetare le tsona; ka fa molemong wa lefatshe la gagwe a betla majwe a a motloutlo a mantle a kobamelo.


A tatlhego wee ya yo o bapalelang ntlo ya gagwe khumo ka tsietso gore a ikagele sentlhaga kwa godimo go ipoloka gore tatlhego e se mo wele.


Rekisang tse lo nang natso, lo ntshe dikatso. Itireleng dikgwama tse di sa onaleng, e bong lohumo lo lo sa feleng kwa magodimong, kwa legodu le sa atameleng teng le kwa motoutwana o sa senyeng teng;


Jaanong fa lo ne lo sa ikanyege ntlheng ya Mamone yo o sa siamang, ke mang yo o tla lo ikanyang mo khumong ya boammaaruri?


“Mme a tatlhego ya lona wee, ba lo humileng; gonne kgomotso ya lona lo setse lo e amogetse!


Mme wena, ka fa pelong e e thata ya gago e e sa ikwatlhaeng, o ikgobokanyetsa bogale mo letsatsing la bogale le la ponalo ya katlholo e e siameng ya Modimo,


jaaka ba ba hutsafetseng, etswe re itumetse ka gale; jaaka bahumanegi, etswe re humisa ba bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, etswe re na le dilo tsotlhe.


Ba ba ratang go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosilo tse di senyang, tse di nwetsang batho mo tshenyegong le mo tatlhegong.


Reetsang, ba ga etsho ba ba rategang: A Modimo ga o a itlhophela ba e leng bahumanegi mo lefatsheng go nna bahumi mo tumelong le barua-boswa ba puso e o e solofeditseng ba ba o ratang?


“ ‘Ditiro tsa gago le pitlagano ya gago le khumanego ya gago ke a di itse, mme o humile – le kgalo ke a e itse ya ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bone, e le ba phuthego ya ga Satane.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan