Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:19 - Setswana 1970

19 jaanong ke raya mowa wa me ke re: Mowa wa me, o na le dikhumo tse dintsi tse di lekanyeng dinyaga tse dintsi. Ikhutse, o je, o nwe, o ipele.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Mme ke tlaa nna, ke ithaya ke re, “Tsala o na le dithoto tse dintsi tsa dingwaga tse di tlang. Thuba kobo segole! Itumedise botshelo jwa gago ka mofine le basadi o opelelwe.” ’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi ki tla raea moea oa me, ki re, Moea, u na le lilo li lintsi tse ri bulukecoeñ nyaga li lintsi; lapologa, u ye, u noe, u tlapeloe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Ke tlaa raya mowa wa me ke re: Mowa, o na le dithoto di tona, di boloketswe dinyaga di le dintsi; iketle, o je, o nwe, o dire mokete.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:19
39 Iomraidhean Croise  

“Motho, ngwana wa mosadi, ke wa malatsi a se kae o kgora matshwenyego.


Gonne e tla re fa a swa, a se ke a ye le sepe sa tseo tsotlhe; kgalalelo ya gagwe ga e nke e mo sala morago.


Ruri, ba babotlana ke ba lefelafela, ba bagolo ke baaki; mo selekanyong ba a tsholetsega, botlhe mmogo ba botlhofo bogolo go pudulo e le nngwe fela ya mowa.


Dikhumo tsa tshiamololo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong.


Serwalo sa batlhalefi ke khumo ya bone, mme bosilo jwa dieleele e ntse e le bosilo fela.


Khumo ya mohumi ke motse o o femetsweng mo go ene, ke lobota lo lo godimo mo megopolong ya gagwe.


A o tla tlhoma matlho mo lehumong? Le tla tloga le nyelela! Gonne le itirela diphuka le fofela kwa legodimong jaaka lenong.


Se ipoke ka tsa letsatsi la kamoso; gonne ga o itse tse letsatsi le tla di tlisang.


Wena lekau, itumele mo bokaung jwa gago! A pelo ya gago e go jese monate mo malatsing a bokau jwa gago. Phela ka fa pelo ya gago e ratang ka teng le ka fa matlho a gago a bonang ka teng. Fela itse gore Modimo o tla go isa mo tshekong ka ntlha ya tsotlhe tseo.


Motho ga a na tse di molemo tse di gaisang go ja le go nwa le go jesa pelo ya gagwe monate mo tapisegong ya gagwe. Mme ke lemogile gore selo se le sona se tswa mo seatleng sa Modimo.


mme bone ba tlhapelwa, ba itumela, ba tlhaba dikgomo le dinku, ba ja nama, ba nwa weine ba re: “A re jeng he, re nweng, gonne kamoso re tla tsoga re sule.”


A tatlhego ya bone wee ba ba phakelelang go batla bojalwa, le ba ba nnetseng weine e e ba tlhapelang go ya gareng ga bosigo.


A tatlhego ya bone wee ba ba tlhomaganyang ntlo le ntlo, ba oketsa tshimo ka tshimo, go tsamaya naga e be e felelele, mme lona lo itire beng ba lefatshe lo le losi fela.


Ba re: ‘Tlayang, ke ya go tsaya weine, a re nweng bojalwa; le kamoso go nne jaaka kajeno, le go phala kajeno gagolo.’ ”


Jakobe o na le sekale se se tsietsang, o rata go patika jaaka Kanana.


Lona ba lo thabelang motse wa “Se-e-seng-sepe”, lo re: “A ga re a thopa wa Karenaime ka thata ya rona?”


Ka ntlha ya moo o tlhabela letloa la gagwe ditlhabelo, o fisetsa sethaiso sa gagwe maswalo; gonne kabelo ya gagwe e mafura ka tsona, dijo tsa gagwe di letlotlo.


A ikaraba a re: ‘Ke tla dira jaana: Ke tla rutla difala tsa me, ke aga tse dikgolo, ke bolokela mabele aotlhe le dikhumo tsa me teng,


“Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a apere seaparo se sehibidu le lesela le lentle la letseta, a nna a itumela ka letsatsi le letsatsi mo bontlengtleng.


“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;


Fa ke lole le dibata kwa Efeso ka mokgwa wa batho, go tla bo go nthusang? Fa baswi ba sa tsosiwe, gona “a re jeng he, re nweng; gonne kamoso re tla tsoga re sule!”


Bokhutlo jwa bone ke tatlhego, modimo wa bone ke mpa, tlotlo ya bone ke ditlhong tsa bone; ba gopola tsa lefatshe fela.


mme yo o phelelang dikgatlhego tsa gagwe ene o sule, le fa a ntse a phela.


Bahumi ba lefatshe leno o ba laye gore ba se ka ba ikgodisa le e seng go ikanya khumo e e se nang tlhomamo, mme a ba solofele mo Modimong o o re abelang dilo tsotlhe ka botlalo gore di re jese monate.


balotsana, ba ba kgopo, ba ba ikgogomosang, ba ba ratang dikgatlhego tsa lefatshe bogolo go Modimo;


Lo phedile mo lefatsheng ka monatenate le mo tlhapelong, lo otla dipelo tsa lona, lo di otlela letsatsi la tlhabo.


Gonne go lekanye, fa re dirisitse thato ya baheitane mo sebakeng se se fetileng ka go tsamaya ka boitaolo le dikeletso le botagwa le bojabele le tlhapelo le ditirelo tsa medimo e sele tse di maila.


Lo mo lekanyetse botlhoko le bohutsana ka fa selekanyong sa boikgalaletso le bofafalele jwa gagwe; e re ka a ithaya mo pelong a re: ‘Ke ntse, ke kgosigadi, ga ke motlholagadi, bohutsana ga nkitla ke bo bona ka gope,’


Jaanong a mo isa teng, ba fitlhela ba aname mo lefatsheng lotlhe, ba ja, ba nwa, ba dirile moletlo ka ntlha ya thopo e kgolo yotlhe e ba e thopileng kwa lefatsheng la Bafelesita le kwa lefatsheng la Juta.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan