Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:15 - Setswana 1970

15 A boa a ba raya a re: “Elang tlhoko, lo itise mo megagarung yotlhe; gonne le fa mongwe a na le letlotlo, ga a bone bophelo ka tse a nang natso.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Itlhokomeleng lo se ka lwa aga lo eletsa dilo tse lo senang natso. Gonne botshelo jwa boammaaruri le go tshela ga boammaaruri ga go a ikaega ka dikhumo tsa rona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi a ba raea, Bonañ, mi lo itise mo timanoñ; gone leha lohumo loa mothu lo kana kai, botselo yoa gague ga boeo mo lithotoñ tse o nañ naco.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 A ba raya a re: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng; gonne botshelo jwa motho ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse o nang natso.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:15
34 Iomraidhean Croise  

Simei a nanoga a belesa esele ya gagwe a ya kwa Gathe kwa go Agiše go batla batlhanka ba gagwe. Simei a ya jalo, a ya go tsaya batlhanka ba gagwe kwa Gathe.


Mme Satane a fetola Morena a re: “Letlalo le a tle le ntshediwe letlalo. Tsotlhe tse motho o di tshotseng o ka di ntsha gore a boloke bophelo jwa gagwe.


Gonne moikepi o ikgantsha ka keletso ya gagwe; mmapadi wa tsietso o tshegofatsa ke go re o kgala Morena.


Bobotlana jwa mosiami bo gaisa letlotlo la baikepi ba bantsi.


Ruri, ba babotlana ke ba lefelafela, ba bagolo ke baaki; mo selekanyong ba a tsholetsega, botlhe mmogo ba botlhofo bogolo go pudulo e le nngwe fela ya mowa.


Bobotlana jo bo nang le poifo-Modimo bo phala khumo e kgolo e e nang le letswalo.


Go huma botlhale go phala gouta jang ne! Go huma tlhaloganyo go gaisa selefera.


Molaodi yo o tlhokang tlhaloganyo ke mogateledi yo mogolo, mme yo o ilang kgwebo ya tshiamololo o tla phela ka boleele.


“Gonne botlhe bao ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; botlhe bao ba a tsietsa, le fa e le baporofeti gongwe baperesiti.


Jaanong ba phuthegela kwa go wena jaaka morafe, ba nna fatshe fa pele ga gago jaaka morafe wa me, ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a ke ba a dirafatsa; gonne ba bua maikano a lorato ka melomo ya bone, mme dipelo tsa bone di latetse kgwebo ya bone ya tshiamololo.


Fa ba eletsa masimo, ba a thukhutha, gongwe matlo, ba a a tsaya; ba gatelela monna le ntlo ya gagwe, ee, monna le boswa jwa gagwe.


A tatlhego wee ya yo o bapalelang ntlo ya gagwe khumo ka tsietso gore a ikagele sentlhaga kwa godimo go ipoloka gore tatlhego e se mo wele.


le tsa boikanyologo jwa banyalani le megagaru le tsa bokgopo le bolotsana le boitaolo le lefufa le go kgala le boikgantsho le bosilo.


A ba a bua nabo ka setshwantsho a re: “Masimo a motho mongwe wa mohumi a ne a ungwa thata.


Jaanong le Bafarisai, ba ba neng ba rata madi, ba utlwa tsotlhe tse, ba be ba mo sonya.


“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;


Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona.


gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo.


Jaanong he bolayang ditokololo tsa lona tsa lefatshe, e bong boaka le maswe le go fisiwa ke keletso le kgatlhego e e bosula le megagaru e e leng go direla medimo e sele,


gonne batho e tla nna baithati, baratamadi, baipoki, baikgantshi, bakgadi, ba ba sa utlweng bagolo, ba ba sa lebogeng, ba ba sa itshepang,


A tsamao ya lona e se nne ya go rata madi; itumeleleng tse lo nang natso; gonne o buile ka osi wa re: “Ga nka ke ka go tlhokomologa le e seng go go tlogela ka gope.”


Mo thopong ka bona kobo e ntle e le nngwe ya kwa Sineare le dišekele di le 200 tsa selefera le lekwete la gouta; bokete jwa lone e le dišekele di le 50; ka di eletsa, ka di tsaya. Bona, di epetswe fa fatshe mo gare ga tente ya me. Selefera e ka fa tlase.”


Ba na le matlho a a tletseng go eletsa seaka, a a sa bakeleng boleo; ba oka mewa e e sa tiang, ba na le dipelo tse di tlwaetseng megagaru, ke bana ba ba hutsegileng.


Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan