Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:11 - Setswana 1970

11 “E re fa ba lo isa fa pele ga disenagoge le mebuso le balaodi, lo se ka lwa itshwenya gore lo tla ikarabela jang, gongwe ka eng, le fa e le gore lo tla bua eng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 “Mme e re fa lo tlisiwa tshekong fa pele ga babusi ba ba Sejuta le ba ba nang le ditaolo mo matlung a thuto lo se tshwenyege ka se lo tlaa se buang go iphemela,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ere ha ba lo isa kua masenagogeñ, le ha pele ga basekisi, le bathati, lo si tloriegele yañ, khotsa se lo tla se ikarabelañ, khotsa se lo tla se buañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 “Mogang ba lo isang fa pele ga ditsheko tsa matlo a thuto, le kwa balaoding, le bathata, lo se ka lwa tlhodiegela gore lo tlaa fetola jang, le fa e le gore lo tlaa reng, gongwe gore lo tlaa buang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:11
14 Iomraidhean Croise  

Tsamaya he o ye, nna ke tla nna le molomo wa gago, ke go ruta tse o tla di buang.”


Ke ka ntlha ya moo ke romang baporofeti le batlhalefi le Baitsedikwalo go lona; bangwe ba bone lo tla ba bolaya, lo ba bapolela sefapaanong; ba bangwe ba bone lo tla ba seola mo disenagogeng tsa lona, lo ba bogisa go tswa motseng mongwe go ya go o mongwe,


“Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo jwa lona gore lo tla ja eng, lo tla nwa eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng? Bophelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo?


Ke ofe wa lona yo o ka ikoketsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhofaelela?


“Lo tlhofaelelelang diaparo? Elang dithunya tsa naga tlhoko ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe;


“Ka moo, se tshwenyegeng lwa re: ‘Re tla ja eng, gongwe, re tla nwa eng, gongwe, re tla apara eng?’


Ka moo he, se tshwenyegeleng letsatsi la ka moso; gonne letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi. Letsatsi le lekanywe ke tshwenyego ya lone.


Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke ka moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo gore lo tla ja eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan