Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:53 - Setswana 1970

53 Ya re a sena go bua jalo nabo, Baitsedikwalo le Bafarisai ba simolola go mo leba ka bogale le go mmotsolotsa ka ga dilo di le dintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

53-54 Hong Bafarasai le baruti ba molao ba gakala; mme ya re go tswa foo ba mo gagautlha ka dipotso tse dintsi, ba leka go mo raela gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka sone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

53 Mi ka a sa bua lilo tseuo nabo, bakuari le Bafarisai ba simolola go mo tlotleletsa thata, le go mo gakatsa go bua lilo li lintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

53 E rile a sena go tswa teng, bakwadi le Bafarisai ba simolola go mo tlhotlheletsa ka thata, le go leka go mo gakatsa, gore a bue ka ga dilo di le dintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:53
11 Iomraidhean Croise  

Basiria ba tla tswa kwa botlhabatsatsi, Bafelesita ba tswa kwa bophirimatsatsi, ba ja Iseraele ka magano a a atlhameng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.


Ke fa ba re: “Tlayang, a re logeleng Jeremia maano! Gonne thuto ya moperesiti ga e nke e tlhokafala, le e seng kgakololo ya yo o botlhale, le e seng lefoko la moporofeti. Tlayang, a re mo iteeng ka loleme, mme re se ka ra tlhokomela lefoko lepe la gagwe!”


Therego e mo tikologong! Gonne ke utlwetse ba bantsi ba ntsheba ba re: “Mmegeng, re rata go mo teba.” Batho botlhe ba ba phelang le nna ka kagiso ba lalela phoso ya me. Ba re: “Ka gongwe o tla raelega gore re mo fenye, re mo ipusolosetse.”


“Go latlhega lona Baitse-molao! Ka gonne lo tlositse selotlele sa kitso; lona ka losi ga lo a ka lwa tsena, mme ba ba reng ba a tsena lo a ba kgoreletsa.”


ba mo thaela serai gore ba tshware sengwe se se tswang mo molomong wa gagwe, ba tle ba mmone molato.


Jaanong ba mo lepa, ba roma balaledi ba ba itimokanyang ka go ipaya basiami, gore ba mo tshware mo lefokong lengwe, ba be ba mo neele mmuso, e bong mo thateng ya molaodi.


Jaanong ga tla go ene Basadukai bangwe ba ba latolang tsogo ya baswi, ba mmotsa ba re:


“Fa e le nna, ke ne ke itheile ka re, ke tshwanetse go dira dilo tse dintsi tsa go lwantsha leina la ga Jesu wa Nasaretha.


ga lo boatla, ga lo ipatlele, ga lo gakale, ga lo sale bosula jwa motho morago;


mo re bileng ra kgothatsa Tito gore a fetse le tiro eo ya lorato mo go lona jaaka a simolotse pele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan