Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:48 - Setswana 1970

48 Ka moo lo basupi, mme lo dumalana le ditiro tsa borraeno; gonne bone ba ba bolaile, mme lona lo aga matlapa a diphupu tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

48 Babolai ke lona! Lo dumalana le bo rraalona gore se ba neng ba se dira se ne se siame, lo ka bo lo dirile jalo le lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

48 Amarure loa shupa ha lo khatloa ki litiho tsa bo‐rra enu; gone amarure ba ba bolaile, mi lo aga liphupu tsa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

48 Jalo lo supa fa lo dumalana le ditiro tsa borraeno; gonne ruri ba ba bolaile, mme lona lo aga difikantswe tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:48
14 Iomraidhean Croise  

Mme ba nna ba sotla barongwi ba Modimo, ba nyatsa mafoko a ona, ba kgoba baporofeti ba ona ga tsamaya bogale jwa Morena jwa tsogela morafe wa gagwe go fitlha mo go se nang kalafo.


Ga se nna ke go sekisang, o sekisiwa ke molomo wa gago; mafoko a gago a supa ka ga gago.


Mme Modimo o tla ba hula ka motsu; dipetso tsa bona di tla tla ka tshoganyetso.


“Jaanong lona lo a re: ‘Ke ka ntlhaang, fa morwa a sa rwale molato wa ga rraagwe?’ Kana morwa o dirile ka tshiamo le ka molao, a tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa me, a dira ka tsona: Ruri, o tla phela!


“Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tshwana le diphupu tse di takilweng, tse di bonalang di le dintle ka fa ntle, mme ka mo teng di tletse marapo a baswi le boitshekologo jotlhe.


Lo itshupa ka moo gore lo bomorwaa-bone ba ba bolaileng baporofeti.


Go latlhega lona! Gonne lo aga matlapa a diphupu tsa baporofeti, etswe borraeno ba ba bolaile.


Ke ka moo le jona Botlhale jwa Modimo bo buileng jwa re: ‘Ke tla roma baporofeti le baapostolo kwa go bone; mme bangwe ba bone ba tla ba bolaya, ba ba bogisa.’


ba e reng ba ntse ba itse molao wa Modimo wa go re, bone ba ba dirang dilo tseo ba tshwanetswe ke loso, ba sa di direng fela, mme e bile ba itumelela ba bangwe ba ba di dirang.


Ba ga etsho, tsayang sekao sa pogo le sa bopelotelele mo baporofeting ba ba neng ba bua ka leina la Morena.


Ke fa Jošua a raya morafe a re: “Lona lo itshupela ka losi, fa lo itlhophetse Morena go mo direla.” Ba re: “Ee, re a itshupela.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan