Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:40 - Setswana 1970

40 Masilo ke lona! A yo o dirileng se se ka fa ntle ga a dira le sona se se ka fa teng?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

40 Dieleele ke lona! A Modimo ga oa ka wa dira bokafateng le bokafantle?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

40 Mi lona ba lo sa tlaloganyeñ, eo o rihileñ ka kua ntle, a ga a riha le ka kua teñ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

40 Dieleele ke lona, yo o dirileng bokafantle, a ga a a dira bokafateng le jone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:40
17 Iomraidhean Croise  

Modimo wa fela o re: “A re direng batho ka fa setshwanong sa rona ba ba tshwanang le rona gore ba laole ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.”


Ke fa Morena Modimo o bopa motho ka lerole la mmu, o budulela mowa wa bophelo mo dinkong tsa gagwe; motho a nna mophedi jalo.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Lesilo le bua mo pelong ya lone le re: “Modimo ga o yo.” Ba a senya, ba dira tsa maila; ga go ope yo o dirang molemo.


ena yo o bopileng dipelo tsa bona botlhe, yo o tlhokometseng ditiro tsotlhe tsa bona.


Bo re: “Lona ba lo sa tlhalefang lo tla rata go se tlhalefe go fitlha leng? Basotli ba tla khutla leng go kgatlhwa ke ditshotlo? Masilo a tla lesa leng go tlhoa kitso?


Lona ba lo sa tlhalefang ithuteng botlhale; lona masilo, ithuteng tlhaloganyo!


A ko lo utlwe, lona dieleele tse di se nang tlhaloganyo! – Ba na le matlho, mme ga ba bone; ba na le ditsebe, mme ga ba utlwe.


Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena ka ga Iseraele. Go buile Morena yo o phuthololang legodimo, yo o thayang motheo wa lefatshe, yo o bopang mowa wa motho mo teng ga gagwe a re:


Mme ba wela fa fatshe ka difatlhego ba re: “Modimo, Modimo wa mewa ya nama yotlhe, a e ka re fa monna a le mongwe a leofile, wa galefela phuthego yotlhe?”


Masilo le difofu ke lona! Se segolo ke eng, a ke gouta, gongwe a ke Tempele e e itshepisitseng gouta?


Mofarisai wa sefofu ke wena! Tlhatswa senwelo ka fa teng pele gore se nne phepa le ka fa ntle.


Mme Modimo wa mo raya wa re: ‘Lesilo ke wena! Mowa wa gago o tla tlosiwa mo go wena mo bosigong jono; mme dilo tse o di kgobokantseng e tla nna tsa ga mang?’


Foo Jesu a ba raya a re: “Ao, basena-tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tsotlhe tse baporofeti ba di buileng!


Lesilo ke wena! Kana se o se jwalang ga se tshedisiwe, fa se sa swe pele.


Gape re ne re na le borraetsho ka fa nameng ba ba re watlhaileng, mme ra ba ikobela; a ga re nke re ikokobeletsa Rara wa mewa bogolo, re tle re tshele?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan