Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:4 - Setswana 1970

4 O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona. O se re gogele mo thaelong; mme o re golole mo bosuleng.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mme o re itshwarele melato ya rona gonne re itshwaretse ba ba neng ba re leofetse. Mme o se re letle go raelesega.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi re icuarele libe tsa rona, gone le rona re icuarela moñue le moñue eo o molatu le rona; Mi u si re gogele mo thaeloñ, mi re golole mo boshuleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 O re itshwarele dibe tsa rona; gonne le rona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona. O se re gogele mo thaelong.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:4
31 Iomraidhean Croise  

moengele yo o nkgolotseng mo masuleng otlhe, a a tshegofatse basimane ba! A leina la me le maina a borre, e bong Aborahame le Isaka, a tume ka bone; a ba ate, ba nne bantsi thata mo lefatsheng.”


foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa morafe wa gago wa Baiseraele, o ba busetse kwa nageng e o e fileng borraabo.


foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa motlhanka wa gago le jwa morafe wa gago wa Baiseraele – kana o ba ruta tsela e e siameng e ba tshwanetseng go sepela mo go yona – o nesetse lefatshe la gago pula le o le neileng morafe wa gago go nna boswa.


Morena o tla go sireletsa mo masuleng otlhe; o tla boloka mowa wa gago.


Morena, intshwarele molato wa me ka ntlha ya leina la gago, gonne o mogolo.


Leba tlalelo ya me le thekisego ya me, mme maleo a me o a intshwarele otlhe.


Ao, Morena, utlwa! Morena, itshwarele! Morena, ela tlhoko, o dire jalo; se diege ka ntlha ya gago, Modimo wa me. Gonne motse wa gago le morafe wa gago di bidiwa ka leina la gago.”


Tsamayang ka mafoko, lo boele kwa Moreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo.


“Rre wa legodimo le ene o tla direla jalo mongwe le mongwe wa lona yo o sa itshwareleng mokaulengwe wa gagwe ka pelo yotlhe.”


Disang lo rapele gore lo se tsene mo thaelong; mowa ona o tlhaga, mme nama e bokoa.”


A boa a ba raya a re: “Ke ofe mo go lona, yo e ka reng a na le tsala, mme a ya go yona bosigogare, a e raya a re: ‘Tsala, nkadima dinkgwe di le tharo,


Gongwe ba ba 18 ba turio e ba wetseng kwa Siloame, ya ba bolaya, a lo itlhoma gore ba ne ba le molato go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema?


A ba raya a re: “Lo robaletseng? Tsogang lo rapele go re lo se tsene mo thaelong.”


Tse di mo mmung o o majwe ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole Lefoko ka boitumelo; mme ga ba na modi. Ke ba ba dumelang ka sebakanyana fela, mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.


Ga ke kope gore o ba tlose mo lefatsheng, mme e le gore o ba femele mo go yo-o-bosula.


Lona ga lo ise lo tshwarwe ke thaelo epe e e ka palelang motho. Mme Modimo o boikanyo, o o se kitlang o lo lesa lwa raelwa mo go fetang thata ya lona, mme o tla lo direla phatlha mo thaelong gore lo kgone go e itshokela.


lo itshokelane, lo itshwarelane fa mongwe a ledisiwa ke molato wa yo mongwe; itshwareleng jaaka Morena le ene a lo itshwaretse.


Mme Morena o boikanyo yo o tla lo tiisang, a ba a lo femela mo go yo-o-bosula.


Morena o tla nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, a mpholosa, a nkisa mo pusong ya gagwe ya legodimo. A kgalalelo e nne ya gagwe go ya bosakhutleng! Amen.


Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso.


O se ka wa boifa tse o tla di bogang. Bona, Diabolo o tla latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe; lo tla nna le pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanyo go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.


E re ka o bolokile lefoko le le reng o tshwarelele mo go nna, le nna ke tla go femela ka nako ya thaelo e e tla welang lefatshe lotlhe gore go raelwe ba ba agileng mo go lone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan