Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:36 - Setswana 1970

36 Fa mmele wa gago otlhe o tletse lesedi, go se na gope fa go leng lefifi, o tla bo o tletse lesedi otlhe, jaaka fa lobone lo go bonesa ka lesedi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

36 Fa go tletse lesedi mo go wena, go se na dintlha dipe tsa lefifi, hong bontle jwa gago le jone bo tlaa phatsima jaaka ekete lesedi le go phatsimela ka marang a lone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

36 Ki gona ha mele otle oa gago o tletse leseri, go si na gope go lehihi, mele otle o tla bonesega, yaka lobone lo bonesa ka marañ a lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

36 Ke gone ya re mmele wa gago otlhe o tletse lesedi, go se na gope fa go leng lefifi, o tlaa bonesega otlhe fela; fela jaaka go tuka sentle ga lobone go tle go go neye lesedi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:36
22 Iomraidhean Croise  

Yo o botlhale o tla di utlwa, a ba a okelediwa kitso; yo o fatlhogileng o tla bona dikgakologelo tse di molemo –


Mowa wa motho ke lobone lwa Morena lo lo tlhotlhomisang dikarolo tsotlhe tsa mmele.


Gonne taolo ke lobone, thuto ke lesedi; dikgalemelo tsa thuto ke tsela ya bophelo


“Ke tla goga difofu mo tseleng e di sa e itseng, ke di tsamaisa mo ditselaneng tse di iseng di di gate. Ke tla fetola lefifi lesedi fa pele ga tsona, le naga e e magwata lebala. Dilo tse ke tla di dira. Ga nkitla ke di lesa.


“Tlhokomelang thuto le tshupo! Fa ba sa bue ka fa lefokong le, ga ba nke ba bona mahube.”


A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’


A ba raya a re: “Ka moo moitsedikwalo mongwe le mongwe yo o rutilweng tsa puso ya magodimo o tshwana le mong wa ntlo yo o ntshang tse dintšhwa le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”


Le gona ga go ke go tshujwa lobone, lwa bewa ka fa tlase ga kgamelo. Lo bewa mo setlhomong; foo lo tla bonegela botlhe ba ba mo ntlong.


Jaanong he, ela tlhoko, e se re gongwe lesedi le le mo go wena ya bo e le lefifi.


Ya re a sena go bua, Mofarisai mongwe a mo kopa gore a fitlhole nae. A tsena, a nna fa dijong.


gonne Modimo o o rileng: “A lesedi le phatsime mo lefifing!” ke ona o o sedifaditseng dipelo tsa rona, e le go bonesiwa go ka lemoga kgalalelo ya Modimo mo sefatlhegong sa ga Jesu Keresete.


gore re se tlhole re nna jaaka bana, re kgokgwediwa jaaka makhubu le go dikolosiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho ka fa boferefereng jwa go re logela maano a timetso,


A Lefoko la ga Keresete le age mo go lona segolo ka botlhale jotlhe, lo rutane, lo kgothatsanye ka dipesalome le difela tsa pako le dikopelo tsa mowa, lo opelele Modimo ka tebogo mo dipelong tsa lona.


Mme dijo tse di loileng ke tsa ba ba godileng, ba ba nang le maikutlo a a tlwaeditsweng go ka farologanya tse di molemo le tse di bosula.


Mme yo o lebileng mo teng ga molao o o itekanetseng wa kgololesego, a bile a tsweletse jalo, e se moutlwi yo o lebalang, mme e le modiri wa tiro, yoo o tla nna sego mo go direng ga gagwe.


Mme golang mo bopelotlhomoging le mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete Morepholosi. A kgalalelo e nne ya gagwe jaanong le go ya letsatsing la bosakhutleng!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan