Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:34 - Setswana 1970

34 Lobone lwa mmele ke leitlho la gago. Fa leitlho la gago le siame, mmele otlhe wa gago le ona o tletse lesedi; mme fa le fokola, mmele wa gago le ona o tletse lefifi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34 Matlho a gago a bonesa bokafateng jwa gago. Leitlho le le nang le keletso e e bosula le fifatsa lesedi mme le go latlhela mo lefifing.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Leitlo e le lobone loa mele; ki gona leitlo ya gago ha le itsekile, mele otle oa gago le ona o tletse leseri; mi ha le boshula, mele oa gago le ona o tletse lehihi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 Lobone lwa mmele wa gago ke leitlho; ke gone fa leitlho la gago le bona sentle, mmele otlhe wa gago o a bo o tletse lesedi; mme fa le le bosula, mmele wa gago le one o tletse lefifi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:34
28 Iomraidhean Croise  

ba otla banna ba ba fa mojakong wa ntlo ka bofofu, ba bašwa le ba bagolo, mo ba itapiseditseng lefela go batla mojako.


Mpudulola matlho gore ke itse go bona dikgakgamatso mo molaong wa gago.


Mme batho ba me ba ne ba sa reetse lentswe la me; Iseraele o ne a sa utlwane le nna.


Sefatlhego sa boikgodiso le pelo ya boikgantsho tse e leng go ikgatlha ga baikepi ke boleo fela.


Monna wa leitlho la lefufa o potlakela go huma, mme ga a itse gore lehuma le tla mo wela.


Gonne Morena o lo goromeleditse mowa wa thulametso, a lo bipa matlho, e leng baporofeti; a lo khurumetsa ditlhogo, e bong baboni.


Ke mang yo o foufetseng fa e se motlhanka wa me? Ke mang yo o thibetseng ditsebe jaaka morongwi wa me yo ke mo romang? Go foufetse mang jaaka tsala e e ikanyegang? Ke mang yo o sesusu jaaka motlhanka wa Morena?


Ga ba itse sepe, ga ba lemoge sepe; gonne matlho a bona a thibilwe gore ba se ka ba bona; dipelo tsa bone di thatafaditswe gore ba se ka ba tlhalefa.


A tatlhego ya bone wee ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba ba fetolang lefifi lesedi, le lesedi lefifi; ba ba fetolang bogalaka botshe, le botshe bogalaka!


Thatafatsa dipelo tsa morafe o, o thibe ditsebe tsa ona, o foufatse matlho a ona gore o se bone ka matlho, o se ka wa utlwa ka ditsebe, mme dipelo tsa ona di se ka tsa lemoga, gore o se ka wa tlhabologa, wa fodisiwa.”


A ko lo utlwe, lona dieleele tse di se nang tlhaloganyo! – Ba na le matlho, mme ga ba bone; ba na le ditsebe, mme ga ba utlwe.


gore “ ‘go bona ba bone, mme ba se ka ba lemoga, le go utlwa ba utlwe, mme ba se ka ba tlhaloganya, e se re gongwe ba sokologa, ba itshwarelwa dibe.’ ”


le tsa boikanyologo jwa banyalani le megagaru le tsa bokgopo le bolotsana le boitaolo le lefufa le go kgala le boikgantsho le bosilo.


A ga lo bone, le fa lo na le matlho? A ga lo utlwe, le fa lo na le ditsebe? A ga lo gakologelwe gore


Jaanong he, ela tlhoko, e se re gongwe lesedi le le mo go wena ya bo e le lefifi.


Jaanong bona, letsogo la Morena le mo go wena, mme o tla nna sefofu, o sa bone letsatsi sebaka.” Ga ba ga wela leoto le lefifi mo go ene ka bonako; a nna a dikologa, a batla ba ba ka mo gogang ka letsogo.


Ba nnela ruri ka malatsi otlhe ka bongwefela jwa pelo mo Tempeleng, ba nathoganya senkgwe kwa le kwa mo matlong a bone, ba ja dijo ka boitumelo le bopelophepa,


go ba budulola matlho gore ba sokologe, ba tswe mo lefifing, ba tsene leseding, ba tswe mo thateng ya ga Satane, ba ineele Modimo, gore ba amogele boitshwarelo jwa dibe le boswa mmogo le ba ba itshepisitsweng ka go dumela mo go nna.’


Gonne pelafalo ya rona ke e, e bong tshupo ya digakolodi tsa rona ya gore re tshedile ka boitshepo le ka bophepa jwa Modimo mo lefatsheng, bogolo mo go lona, e seng ka botlhale jwa nama, mme e le ka bopelotlhomogi jwa Modimo;


Mme ke boifa gore maikutlo a lona a ka senyega, a faposiwa mo nneteng le mo boitshekong jwa go ineela Keresete, jaaka noga e kile ya tsietsa Efa ka boferefere jwa yona.


e bong bone ba ba sa dumeleng, ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng maikutlo a bone, gore lesedi la Efangele ya kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba bonegela.


gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa kgalalelo, o lo nee Mowa wa botlhale wa tshenolo mo kitsong ya go o itse;


Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ba lefatshe ka poifo le ka thoromo le ka bopelophepa, jaaka lo utlwa Keresete,


Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka fa nameng mo dilong tsotlhe, e seng ka go ba direla matlhong jaaka ba ba kgatlhang batho, mme a e nne ka bopelophepa ka go boifa Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan