Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:24 - Setswana 1970

24 “Mowa o o itshekologileng e a re o dule mo mothong, o ralale mafelo a a se nang metsi, o batla tapologo; mme e re o sa e bone, o re: ‘Ke tla boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yona.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

24 “E ya re fa mowa o o maswe o dule mo mothong o ye kwa dikakeng o batla boikhutso; mme e re o sa bo bone o boele kwa go yo o neng o tswa mo go ene,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

24 Eare ha moea o o mashue o rule mo mothuñ, oa tsamaea mo maheloñ a lokhere, o batla khuco, mi o sa e bone; mi oa re, Ki tla ba ki boela kua tluñ ea me e ki coañ go eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

24 “Mowa o o maswe o a re o dule mo mothong, o tlo o ye o ralale dikaka o batla boikhutso; mme o re o sa bone bope, o itheye o re: ‘Ke tlaa boela kwa ntlong ya me e ke duleng mo go yone.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:24
18 Iomraidhean Croise  

Nnang tekano lo itise; gonne Diabolo, moganetsi wa lona, o kgarakgatshega jaaka tau e e dumang, a batla yo a ka mo metsang.


Pesalome ya ga Dafita, a le mo sekakeng sa Juta.


Morena a botsa Satane a re: “O tswa kae?” Satane a araba Morena a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, ka itsamaela mo go lone.”


Ke fa Morena a botsa Satane a re: “O tswa kae?” Satane a araba Morena a re: “Ke tswa go kgarakgatshega mo lefatsheng, ka itsamaela mo go lone.”


Wa ba wa mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo.


“Baikepi ga ba na kagiso!” Morena o buile jalo.


a lo kileng lwa bo lo tsamaya mo go ona ka fa mokgweng wa lefatshe leno, jaaka mong wa loapi a laola, e bong mowa o le jaanong o dirang mo bathong ba ba sa utlweng,


Mme ya re Jesu a bona batho ba tabogela mmogo teng, a kgalemela mowa o o itshekologileng, a o raya a re: “Wena mowa o o semumu, o o bosusu, ke a go laola: Tswaa mo go ene, mme o se ka wa tlhola o boela mo go ene!”


“Gonne ke tla tshela metsi mo nageng e e nyorilweng, ke eledisa dinokana mo nageng e e omeletseng. Ke tla tshela Mowa wa me mo baneng ba gago le lesego la me mo losikeng lwa gago.


Motlhaba o o fisang o tla fetoga letsha. Naga e e omeletseng e tla fetoga metswedi ya metsi. Mo felong fa diphokojwe di neng di robala teng go tla nna motlhaka le motlhatlha.


Gonne ga ba robale ba ise ba senye; ba tlhoka boroko, fa ba ise ba dige motho.


Jaanong e re o tla, o fitlhele e feetswe, e kgabisitswe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan