Luke 11:14 - Setswana 197014 A ba a kgarameletsa modemone ntle, ya bo e le o o semumu. Ya re modemone o sena go tswa, motho yo o semumu a bua; mme bontsi jwa batho jwa gakgamala. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha14 Ka nako nngwe, fa Jesu a kgoromeletsa ntle mowa o o maswe mo monneng yo o neng a le semumu, lentswe la gagwe la mmoela, a mumuloga. Mme bontsintsi jwa batho jwa itumela thata ba nna matlhagatlhaga, Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)14 ¶ Mi a bo a khoromeletsa ntle modemona, mi a bo a sa bue. Mi ga rihala modemona a sina coa, eo o sa bueñ, a bua; mi bontsintsi yoa gakhamala. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo14 Ya re motlha mongwe a bo a kgoromeletsa ntle mewa e e bosula, mme ya bo e le e e dimumu. Ga dirala ya re mowa o o maswe o sena go tswa, motho yo o semumu a bua; mme batho ba gakgamala. Faic an caibideil |