Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:13 - Setswana 1970

13 Jaanong, fa lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, kana Rraeno wa legodimo o tla naya bone ba ba mo kopang Mowa o o Boitshepo bogolo jang!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 “Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi lona ba boshula, ha lo itse go naea bana ba lona lineo tse ri molemo; bogolu yañ Rra enu oa legorimo o tla naea ba ba mo lopañ Moea oa Boitsepho?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ke gone, fa lona lo le bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo; bogolo jang Rraeno wa legodimo o tlaa naya ba ba mo lopang Mowa o o Boitshepo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:13
30 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a dupa monko o o monate, mme Morena a bua mo pelong ya gagwe a re: “Ga nkitla ke tlhola ke hutsa lefatshe gape ka ntlha ya motho; gonne dikakanyo tsa pelo ya motho di bosula go tswa bonyaneng jwa gagwe. Ga nkitla ke tlhola ke bolaya tsotlhe tse di phelang gape jaaka ke dirile.


Gonne ditlolo tsa me ke a di itse, boleo jwa me bo fa pele ga me ka gale.


Retologelang kwa kgalemelong ya me! Bonang, ke tla lo ntshetsa mowa wa me, ke lo itsise mafoko a me.


“A mosadi a ka lebala lesea la gagwe, a sa utlwele morwa mmele wa gagwe botlhoko? Le fa ene a ka mo lebala, nna ga nkitla ke go lebala.


Ke tla tsenya Mowa wa me mo teng ga lona, ke lo dira batho ba ba sepelang ka fa melaong ya me ba ba tshegetsang ditshiamo tsa me, ba di dirisa.


“Morago ga moo ke tla tshela Mowa wa me mo bathong botlhe. Bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla bolela Lefoko la Modimo; banna bagolo ba lona ba tla lora ditoro, makau a lona a tla bona dipono.


A lesedi la lona le bonegele batho jalo gore ba bone ditiro tsa lona tse di siameng, ba tle ba galaletse Rraalona yo o kwa magodimong.


gore lo nne bana ba ga Rraeno yo o kwa magodimong; gonne o tlhabisetsa ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi la gagwe, o nesetsa basiami le basiamolodi pula.


“Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, le lona Rraeno wa legodimo o tla lo itshwarela.


Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga, jo bo leng teng kajeno, mme ka moso bo latlhelwa mo leisong, a ga o kitla o lo apesa bogolo lona ba tumelo e potlana?


Gonne tsotlhe tseo di batlwa ke baheitane; kana Rraeno wa legodimo o itse gore tsotlhe tseo lo tshela ka tsona.


Jaanong, fa lona, ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraalona yo o kwa magodimong o tla naya ba ba mo kopang tse di siameng!


gongwe a mo kopa lee, a mo nee phepheng?


Jesu a ba raya a re: “E re fa lo rapela, lo re: “ ‘Rraarona, yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe; puso ya gago a e tle; thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.


A Modimo ona ga o nke o atlholela baitlhaolelwi ba ona ba ba o tlhaeletsang bosigo le motshegare, gongwe a o ka ba diegela?


Jesu a mo araba a re: “Fa ò ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang.”


Petoro a ba raya a re: “Tlhabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo;


Gonne fa loso lo ne lo busa ka tlolo ya a le mongwe fela, e bong ka a le mongwe yoo, ba ba amogelang letlotlo la bopelotlhomogi le la neo ya tshiamo bone ba tla busa bogolo jang ne bophelong ka a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete!


Gonne ke itse gore mo teng ga me, e bong mo nameng ya me, ga go na molemo ope; go rata go teng mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo.


O e bileng o sa rekegela Morwaa-ona, mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya rona rotlhe, o ka tlhoka jang go re abela dilo tsotlhe nae?


Gonne le rona re kile ra bo re le bosilo, re sa utlwe, re timetse, re direla dikeletso le dikgatlhego dingwe le dingwe, re phela ka bosula le ka lefufa, re ilega, re tlhoanye.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan