Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:41 - Setswana 1970

41 Mme Morena a mo araba a re: “Maretha, Maretha, o itshwenya ka tse dintsi, o bile o itlhokisa boiketlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Mme Maratha e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, mme a bo a ngongorega fa a ntse a baakanya dijo. Hong a tla kwa go Jesu a re, “Morena, a ga o bone gore ga go a siama gore ke dire tiro yotlhe nnake ene a ntse fela fa fatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi Yesu a araba, a mo raea, Marata, Marata, ua tloriega, mi ua itapisa ka lilo li lintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Morena a mo fetola a re: “Maretha, Maretha, o a tlhodiega, o itapisa ka dilo di le dintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:41
13 Iomraidhean Croise  

Go na le mafoko a mantsi a a atisang boithamako. A thusa motho eng?


Mme matshwenyego a metlha eno le tsietso ya lehumo le dikeletso tsa dilo tse dingwe di tsene, di hupetse Lefoko, mme le tlhoke leungo.


Ya re ba ntse ba tsamaya, a tsena mo motsaneng mongwe. Mme mosadi mongwe, yo leina la gagwe e leng Maretha, a mo tsholela mo ntlong ya gagwe.


Maretha ene a bo a kgoreletsegile thata ka go ba direla go le gogolo. A ba a tla a re: “Morena, a ga o re sepe, fa nnake a ntlogetse ke dira ke le nosi? Mo ree jaanong, a nthuse!”


Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke ka moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo gore lo tla ja eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng.


“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;


Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona.


Go ne go le motho yo o lwalang, e bong Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogolowe.


Jesu a bo a rata Maretha le monnawe le Lasaro.


Teng ba mo direla moletlo wa dijo, mme Maretha a ba tsholela, Lasaro e le mongwe wa ba ba ntseng nae fa dijong.


Se tshwenyegeleng sepe, mme a ka metlha tse lo di tlhokang di itsisiwe Modimo ka thapelo le kopo, di na le tebogo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan