Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:3 - Setswana 1970

3 Tsamayang! Bonang, ke a lo roma jaaka dikwana mo gare ga diphiri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Tsamayang jaanong, mme lo gakologelwe gore ke lo roma jaaka dikonyana mo gare ga diphiri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Eañ koñ, bonañ, kia lo roma yaka likuana gare ga liphiri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Tsamayang; bonang, ke lo roma jaaka dikwanyana gare ga diphiri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:3
14 Iomraidhean Croise  

Pholosa botshelo jwa me mo tšhakeng, botshelo jo bo nosi jwa me mo thateng ya ntšwa.


Dikgosana tsa ona tse di mo teng ga ona ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba ona ke diphiri tse di tlang ka lotlatlana, tse di sa ipeeleng sepe sa letsatsi la ka moso.


“Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ka moo he, nnang botlhale jaaka dinoga, lo be lo nne ba nnete jaaka maeba.


Lo tla tlhoiwa ke botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tla pholosiwa.


“Itiseng mo baporofeting ba e seng bone, ba ba tlang go lona ba apere diaparo tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolang.


Se tsholeng kgetsana ya madi, le fa e le kgwatlha, le fa e le ditlhako. Lo se ka lwa dumedisa ope mo tseleng.


Yo e leng morapiwa, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, fa a bona phiri e tla, o tlogela dinku, a tshabe, phiri e di tshware, e di falatse.


Gopolang lefoko le ke le lo reileng ka re: ‘Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe.’ Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; fa ba tlhokometse lefoko la me, le la lona ba tla le tlhokomela.


Ba tla lo kgaola mo disenagogeng; ee, nako e e tla e mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla itlhomang e le go direla Modimo.


Gonne ke itse gore e tla re ke sena go tsamaya, go tsene mo go lona diphiri tse di setlhogo tse di sa rekegeleng letsomane.


Kana ke tla mo supetsa gore tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me di kana kang.”


a mo kopa dikwalo tse di kwalelwang disenagoge tsa Damaseko gore fa a ka fitlhela bangwe ba e leng ba Tsela e ya bokeresete, banna le fa e le basadi, a ba golege, a ba tlise kwa Jerusalema.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan