Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:27 - Setswana 1970

27 Ene a araba a re: “Rata Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka thata yotlhe le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe-ka-wena o mo rate jaaka o ithata.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

27 Mme moitseanape a fetola a re, wa re, “O tshwanetse go rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo yotlhe ya gago, le ka mogopolo otlhe wa gago. Le gore o tshwanetse go rata mong ka wena fela jaaka o ithata.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

27 Mi a araba, a re, U tla rata Yehova Morimo oa gago ka pelu ea gago eotle, le ka moea oa gago otle, le ka thata ea gago eotle, le ka tlaloganyo ea gago eotle; le moñ ka uena yaka u ithata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

27 A fetola a re: “Go tulwe, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka thata yotlhe ya gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe ka wena jaaka o ithata.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:27
15 Iomraidhean Croise  

O se ka wa ipusolosetsa le e seng go bolokela ba morafe wa ga eno bogale, mme o rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata. Ke nna Morena.


tlotla rraago le mmaago; gape: Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.”


Jesu a mo raya a re: “Go kwadilwe eng mo molaong? O buisa jang?”


Gonne ditaolo tse di reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa eletsa,” le fa go ka ne go le taolo e nngwe e sele, di akareditswe ka lefoko le le reng: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata.”


Lona, bakaulengwe, lo bileditswe kgololesegong; fela a e se nne kgololesego ya nama e e nayang boleo taolo, mme lo direlane ka lorato.


“Jaanong he, Iseraele, ke eng se Morena, Modimo wa gago, o se batlang mo go wena? O batla gore o boife Morena, Modimo wa gago, o sepele mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o mo rate, o direle Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe,


Foo Morena, Modimo wa gago, o tla go rupisa pelo le bana ba gago gore o tle o rate Morena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe gore o tle o tshele.


“Utlwa, Iseraele! Morena, Modimo wa rona, ke ene Morena a le esi fela.


Ene Morena, Modimo wa gago, o mo rate ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka thata yotlhe.


Kana kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya melao ya me mo maikutlong a bone, ke e kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me. Morena a re jalo.


Kana fa lo dirafatsa tlhogo ya molao ka fa Lokwalong e e reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata,” lo tla bo lo dira sentle.


Banaka, a re se rateng ka lefoko, le fa e le ka loleme, mme a e nne ka tiro le ka boammaaruri.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan